Monna o sa itekanelang sentle mo tlhaloganyong o fisitse kantoro kwa seteisheneng sa sepodisi kwa Taung


Sethswantsho: Kantoro kwa seteisheneng sa sepodisi kwa Taung e tukile lore-lore      

Ka OBAKENG MAJE

Go begwa fa monna mongwe o o sa itekanelang sentle mo tlhaloganyong, a ne a itelekela kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung mo letsatsing la maabane, mme a tshuba tlhaga. Go ya ka ba ba boneng ka matlho, monna yoo, one a tlhosetsa molelo, mme badiri kwa seteisheneng seo, ba ne ba o tima.

Kgabo ya molelo ene ya tsosa ketsa-etsego mo baaging le go kaya fa seteishene sa sepodisi sa Taung se jelwe ka molelo ke baagi bangwe ba ba sa itumelang, mme ba boloditse ditshupetso. Fela, mongwe wa badiri yo o sa batleng leina la gagwe le itsiwe kwa seteisheng seo are, dipego tseo ga di na motheo.  

“Re tlhaloganya gore, motho o o tlhoseditseng molelo, ke monna mongwe yo o sa itekanelang mo tlhaloganyong. One a tshuba bojang, mme molelo wa teng one wa tlhosetsa dilwana dingwe.

“Molelo o, one wa timiwa, mme ene ya re morago ga metsotso ele some tlhano, rene ra bona kantoro e ene e agilwe ka bojang kwa morago ga seteishene sa sepodisi e tuka. Kantoro eo, ene ya sha lore-lore, mme go ne go sena se se ne se ka dirwa go ka tima molelo o.”

Are, dipego tsa gore seteishene sa sepodisi se fisitswe ke baagi ba ba sa itumelang ga dina motheo.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen o kaile fa a se kitla a kgona go arabela dipotso tse Taung DailyNews e di mo romeletseng, gonne a le kwa motseng wa Sekhing kwa motlatsa-mopresidente, Paul Mashatile a leng teng kwa a tsenetseng pulo semmuso ya bookelo jwa Baga Mothibi.  

Van Rooyen o tlhalositse fa a tla araba dipotso tseo fa a bone tshono.

taungdailynews@gmail.com

  

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.