
Setshwantsho: Motho a le mongwe otlhokafetse mo kotsing ya sejanaga kwa tsela-kgolong ya N18
Ka OBAKENG MAJE
Motho a le mongwe o tlhokafetse mo kotsing ya tsela gaufi le motse wa Dryharts mo tsela-kgolong ya N18 mo letsatsing la gompieno. Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, ke dijanaga di le pedi tse di amegileng mo kotsing eo.
“Dijanaga di le pedi di ne di kgweetsa mo tseleng ya N18 gaufi le motse wa Dryharts fa se sengwe se labile kwa ntlheng ya Pudimoe, mme se sengwe se lebile kwa ntlheng ya Vryburg. Go begwa fa mokgweetsi mongwe wa sejanaga mo go tsone tse di amegileng, a ne a thula se sengwe mo letlhakoreng.
“Seo, sene sa dira gore mokgweetsi wa sejanaga seo a latlhegelwe ke taolo. Go begwa fa mokgweetsi wa dingwaga di le 58 a ne a tlhatswa ke sejanaga, mme a tlhokafalela mo lifelong la tiragalo. Motho a le mongwe one a rwalelwa kwa bookelong morago ga go itemogela dikgobalo tse di masisi,” van Rooyen wa tlhalosa.
Van Rooyen are dipatlisiso mo kgetsing eno ditsweletse.