Baagi ba Itireleng ba paregile tsela ya N18, mme ba batla tsela go tswa kwa motseng wa bone


Setshwantsho: Baagi ba Itireleng ba tswetse tsela ya N18

Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Itireleng gaufi le Taung, ba tswetse tsela ya N18 e golaganyang Taung le Hartswater mo letsatsing la gompieno. Gape, go begwa fa baagi ba, ba letse ba tshwere molekgotlha wa bone wa ANC, Ntesang Montewa motshwara-kananyo.

Seno se tla morago ga gore, ba kae fa ba na le dingwaga-ngwaga ba ikuela go masepala go ba agela tsela ya pavement ya dikilometara dile 2.5 go tswa kwa motseng wa bone go golaganya tsela-kgolo ya N18.

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Itumeleng Pholo are, ba shupa mayara wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe ka monwana. Go ya ka Pholo, Gaoraelwe o tsweletse go ba dukolosa sekhi, mme ebile o gana le go kopana le bone.

ā€œKa 2021, re ile ra kopana le masepala mme o ile wa netefatsa fa tsela e e kopanyang motse wa rona le tsela-kgolo ya N18, e wela mo tlase ga bone. Motsamaisi wa maloba wa masepala, Katlego Gabanakgosi, o ile a dira lekwalo le le shupang fa tsela eo, ele ya masepala mme one a kaya fa council e ncha fa e tsena, e tla dira ka natla gore tsela e agiwe.   

ā€œFela, seo ga sa direga, mme mo ngwaneng o o fetileng, Gaoraelwe one a raya baagi are, mo bekeng ya ntlha ya Phatwe 2023, tsela eo e tlile go ka berekiwa. Fela, go ile ga nna le tshalelo-morago ya tshwetso ya council mme tshwetso eo ene ya tswa ka Sedimonthole 2022. Jaanong, morago ga moo, re ne ra tshepisiwa fa tsela eo e tlile go berekiwa,ā€ Pholo wa tlhalosa.

Pholo are, ene ya re fa tsela e tshwanetswe e agiwa, Gaoraelwe one a ya kwa le kwa ntle le go ba naya ntlha. Pholo are, Gaoraelwe o reile baagi are go na le madi a kanang ka R10 million a betsweng thoko go ka aga tsela eo go tswa kwa Investment Account.

ā€œJaanong, la bofelo ga gwa feleletsa go ntse jalo. Re ile ra tswelela jalo go ka leka go kopana le Gaoraelwe, mme one a sia-sia. Ka Imbizo e ene ele kwa motseng wa Leshobo, ga ya feleletsa e atlegile, gonne baagi ba ne ba eme ka maoto ba batla tsela. Fela, modulasetulo wa matlole kwa masepaleng, Mika Moeti, one a raya baagi are, ba tlile go arabela dipotso tsa bone pele ga di ura dile 24 di feta. Fela, seo ga sa direga mme ene ya re ka Imbizo ya kwa Extension 7, Gaoraelwe one a dumalana le baagi gore o tla dira letsatsi gore a tle go kopana le baagi ba Itireleng,ā€ Pholo wa tlhalosa.

Pholo are, seo ga sa direga, mme ba ne ba feleletsa ba kwadile makwalo le go dira di petition le go di romela kwa masepaleng. Are, fela seo ga sa thusa gonne Gaoraelwe one a se iponagatse.

ā€œJaanong, maabane re ne re tshwere kopano ya Community Based Plan (CPB). Baagi ba ile ba feleletsa ba tshwere molekgotlha wa ANC, Ntesang Montewa motshwara-kananyo gonne ba ne ba batla mayara. O ile a leka go letsetsa Gaoraelwe, mmusa-kgotlha, Grace Moipolai, ga mmogo le modulasetulo wa komiti ya mafaratlhatlha, Itumeleng Maribe mme ga a ba bona.

ā€œJaanong, mayara one a kaile fa a tlile go kopana le rona mo letsatsing la gompieno, fela ga bonagala gape. O ile a bolelela bangwe gore ene ka nosi o tshaba go tla go kopana le baagi, gonne a belaela gore ba tla mo tlhasela,ā€ Pholo wa tlhalosa.

Pholo gape are, go na le dipego tsa gore go ne go beetswe thoko madi a kanang ka R6 million go ka aga tsela e, mme madi ao a nyeletse fela.

Kgabagare, sebueledi sa masepala, Ricky Oliphant ga arabela dipotsi tsa bobega-kgang.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.