
Setshwantsho: Bo rra ditekesi magareng ga Taung le Vryburg
Ka OBAKENG MAJE
Ntwa ya ditekesi magareng ga bo rra ditekesi ba Vryburg le Taung e sentse e tsweletse. Ntwa e, fa e sala e runya ka Laboraro morago ga gore borra ditekesi ba Vryburg, ba latofatse ba Taung ka go ba utswetsa bapalami.
Go begwa fa borra ditekesi ba Taung, ba pega bapalami kwa ntle ga renke, gonne ba sena ditlankana tse di maleba tsa go pega go tswa Vryburg go ya Taung. Seno, se ile sa baka gore bo rra ditekesi ba Vryburg bat swale tsela e e yang Taung.
Go begwa fa sepodisi se ile sa tsereganya, mme tsela ma gareng ga Vryburg le Taung e ile ya bulwa.
Modulasetulo wa South African National Taxi Association (SANTACO) kwa Sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Ebusang Tladi are, ba ile ba nna le kopano magareng ga maphata a le mabedi ka Labone, mme ba setse ba emetse pegelo ya tsereganyo.
“Se re se itseng ke gore, bo rra ditekesi ba Taung, ba pega bapalami kwa ntle ga renke ya Vryburg, mme ba kaetse ba Vryburg gore bone ba ka nna ba pega kwa renke. Fela, seo se ile sa baka tlhaka-tlhakano. Bo rra ditekesi ba Vryburg ba kaile fa borra ditekesi ba Taung ba seka ba pega.
“Jaanong re nnile le kopano mo letsatsing la maabane go ka rarabolola bothata jo. Se re se emetseng fela, ke tshwetso mo ntlheng eo gore e tsenngwe tirisong. Borra ditekesi ba Vryburg, bone ba na le tetla ya go pega bapalami go tswa mo Vryburg go ya kwa Taung,” Tladi wa tlhalosa.
Kgabagare, lekala le le ikemetseng la sepodisi la IPID, le kaile fa le batlisisa kgetsi ya maiteko a polao kgatlhanong le lepodisi lengwe. Seo se tla morago ga gore, lepodisi le, le thuntse tekesi nngwe ya borra ditekesi bano ba kwa Vryburg.
Sebueledi sa IPID mo Bokone Bophirima, Robbie Ramokgola are: “Re le IPID, re tlhaloganya gore go na le lepodisi le lene le kgweetsa tekesi ya lone, mme le ile la tlhaselwa ke borra ditekesi ba. One a siela kwa seteisheneng sa sepodisi kwa Huhudi, mme go begwa fa borra ditekesi ba, ba ile ba mo sala morago le go senya tekesi ya gagwe.
“O ile a thuntsha, mme a senya tekesi ya borra ditekesi bano. Fela, ga gwa nna le dikgobalo, kgetsi ya maiteko a polao e butswe kgatlhanong le lepodisi leo.”