
Ka OBAKENG MAJE
Motlhami wa mokgatlho o e seng wa puso wa Ruth K Foundation, Mabu Modisadikwena Molefi, are ba rulagantse metseletsele go ka lwa kgatlhanong le tshotlakako ya bong (Gender-Based Violence and Femicide) le go thopiwa ga batho.
Molefi are metseletsele e, e tla be e tshwerwe kwa Mmabana Taung ka 28 Diphalane 2023.
“Re tlile go bua ka dintlha tse di farologaneng mo metseletseleng e, jaaka kgodiso ya ngwana wa mosimane le mosetsanyana mo matsatsing a se gompieno. Re tla bua gape ka mokgwa o tshotlakako ya bong e amang matshelo a batho ka teng.
“Ke nako jaanong ya gore re ipotse dipotso re le baagi le go tla ja toga-maano ya go lwa kgatlhanong le sera se. Borre le bomme ga mmogo le bana ba rona ba tsweletse go shotlakakiwa mo meweng, mme ebile ba tshelela mo letshogo ka ntlheng ya go kgobiwa ka mafoko le go ntewa,” Molefi wa tlhalosa.
Molefi gape o tsweletse ka gore, fa baagi ba sa eme ka dinao, sera seno se tlile go tswelela go repitla matshelo a bone. Molefi are se se botlhokwa ke tirisano-mmogo mo ntweng kgatlhaong le sera se.
“Goya ka wena jaaka ngwana wa mmala wa sebilo, a o ka ikitaya sefuba wa buwa o sa kgale mathe ganong ore, wena ga ona seabe mo dipalopalong tsa tshotlakako ya bong le go thopiwa ga batho mo Afrika Borwa? Ke kopa o ipotse dipotso, mme o tla re bolela ka di 28 Diphalane 2023.
“Mono ngwaga, re bone go le matshwanedi gore re boeletse dipuisano tse re ne re ditshwere malobanyana fale ka ngwaga wa 2021 kwa motseng wa Disaneng gaufi le Mahikeng. Mme mo ngwageng o, ditsela tsotlhe di lebile kwa Taung. Jaanong, re laletsa mafapha otlhe ga mmogo le baagi ka kakaretso go tla go nna karolo ya ditiragalo,” Molefi wa tlhalosa.
Molefi o kaile fa go tla nna le lenaneo la dipontsho kwa Taung Hotel School kwa bataki batla newang tshono ya go bontsha bokgoni jwa bone. Molefi gape are, seo se tla tshimolola mo mosong, mme go tsweng foo, ba lebe kwa Mmabana Taung kwa moletlo-mogolo o tla be o tshwaretswe teng.
“Ga tla be go nna le borre le bomme ba ditobetobe (Cycling) ba ba tla beng ba kgwetsa ditobetobe tsa bone sekgala sa dikilometara dile 60 go ralala Taung. Seno e tlabe e le karolo ya maiteko a rona a go lemotsha baagi ka ntwa kgatlhanong le tshotlakako ya bong le go thopiwa ga batho.
“Mme ka ura ya bo supa mo mosong, go tla be gona le ikatiso kwa Taung Mall. Ikatiso e, e tlabe e eteletswe pele ke mongwe wa bo mmakgonte wa tsa ikatiso go tswa kwa Mmabana Taung. Bagolo, tlayang ka makatla a namane gotla go ikatisa le go utlwa gore ba lo tshwaretse eng se se maleba go ka re thusa jaaka morafe go lwa kgatlhanong le GBVF and Human Trafficking. Setswana sere, pilediwa ya lwelwa,” Molefi wa tlhalosa.