
Ka OBAKENG MAJE
Go begwa fa moithuti kwa sekolong se segolwane sa Bore kwa Ganyesa, o tlhabilwe ke moithuti jaaka ene ka sengwe se se bogale mo legetleng. Go begwa fa go ile ga runya ntwa kwa sekolong mo letsatsing la Lamatlhatso fa baithuti ba ne ba tsenetse dithuto-tlaleletso.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa Sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, moithuti wa dingwaga dile 19 one a dutse mo phaphosi-borutelo fa a ne a kgorogelwa ke baithuti bangwe ba babedi.
“Go begwa fa baithuti ba babedi ba, ba dingwaga dile 17 le 21, ba ile ba itelekela mo phaphosi-borutelo, mme ba fitlha ba tlhasela moithuti jaaka bone. Go begwa fa moithuti o, a ne a tlhabiwa ka sengwe se se bogale mo legetleng fa a ne a siela kwa ntle.
“Go filha ga jaana, ga go itsiwe sebakwa sa ntwa, mme dipatlisiso di tsweletse. Sepodisi se butse kgetsi ya go teketa kgatlhanong le baithuti bao. Fela go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng,” van Rooyen wa tlhalosa.