Banna ba le bane ba ba tlhometseng ba utswitse TV le mogala wa letheka kwa Veertien


Ka OBAKENG MAJE

Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go tshwara poo go tlhometswe kwa motseng wa Veertien, gaufi le Taung. Seno se tla morago ga gore, go begwe fa banna ba ba neng ba tlhometse go utlwala, ba itelekele kwa ntlung nngwe fa masigo asa ka 16 Lwetsi 2023.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, banna ba, ba ile ba tsena kwa ntlung nngwe, mme ba fitlha ba tshwara mosadi mongwe kananyo.

“Go butswe kgetsi kwa sepodising, mme go begwa fa mosadi wa dingwaga dile 67 a ne a robetse fa a utlwa modumo kwa ntle. One a tsoga le go ya go batlisisa gore se se tlholang modumo ke eng. Go begwa fa banna ba ba sa itsiweng ba le bane, ba ne ba itelekela mo ntlung.

“Go begwa fa ba utswitse tebeleishene ga mmogo le mogala wa letheka, mme ba tshaba. Ga gona ope o tshwerweng mo kgetsing e go fitlha ga jaana, fela dipatlisiso di tsweletse,” va Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.