
Setshwantsho: Basimanyana kwa sekolong sa setso
Ka OBAKENG MAJE
Lefapha la dipuso Selegae ga mmogo le Merero ya Segosi le tlhotse le thankgolotse lenaane la go itsise baagi ka ga ditsamaiso le ditsela tsa go bula dikolo tsa mophato go ya ka molawana wa Act no 2 ya ngwaga wa 2021.
Go ya ka lefapha, molao o, o akaretsa botlhe bomme le borre ebile o setse o tsentswe tirisong go tloga lweetse a roga morago ga mopresidente wa naga, Cyril Ramaphosa a sena go saena fa Seetebosigo a rogwa ka 2021.
“Maikemisetso a kopano e, ene ele go lemosa le go itsise baagi ka ga di tsamaiso tsa go ka ikwadisetse go tsamaisa dikolo tsa go rupisa. Baatla kopanong, ba tlhatlheletswe le go ka tsibosiwa fa ba tshwere matshelo a batho le gore, go tshwanetse ga nna le komiti e e leng gore ke yone fela e le nosi e naleng le dithata le tetla ya go rulaganya di tsamaiso tsa go isiwa ga dikolo tsa setso.
“Go ya ka molao wa tsamaiso ya mophato, komiti e e tlhopilweng e tshwanetse go akaretsa dikgosi go tswa ntlong ya dikgosi ya profense di le nne. Badiredi ba puso go tswa kwa Lefapheng la COGTA ba le ba bedi ga mmogo le badiredi ba puso gotswa kwa Lefapheng la Boitekanelo ba le babedi.”
Lefapha le kaile fa gape gotla akaretsa ngaka ya setso gotswa Interim Traditional Health Practitioners Council, le di kemedi di le pedi gotswa SALGA tse di emetseng bo masepala.