
Setshwantsho: Mayara wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba motse wa Ranstad ba ba neng ba hupile tedu, mme ba angwa fela ke tse ba ne ba di apere, ba beleseditse baeteledipele ba masepala o mogolwane o faraferweng ke mathata wa Taung.
Baeteledipele ba, ba ne ba tlile go neelana semmuso ka ntlo lehalahala go baagi morago ga gore e konosediwe. Tiragalo e, ke ya beke e e fetileng.
Fela baagi ba, ba kaile fa ba sa itumedisiwe ke go bona mayara wa masepala, Tumisang Gaoraelwe ese karolo ya baeteledipele bao. Ba latofaditse Gaoraelwe yo go kailweng fa a sa kgona go nna karolo ya pulo semmuso ya ntlo lehalahala e, gonne one a ile Gauteng fa a ba nyatsa.
Mongwe wa baagi, Modiri Phatlhanyane are baeteledipele ba masepala ba na le mokgwa wa go tla go ba bolelela, mme ba dire dilo ntle le go utlwa maikutlo a bone pele.
“Jaanong, go tloga ga jaana, ba tshwanetse gore ba ithute go utlwa maikutlo a morafe pele ga ba ka dira se ba se batlang. Jaanong, ke fela gore kopano e, e fele gonne batho ba ba maleba ba ba neng ba tshwanetse go reetse dintlha tsa rona le matshwenyego jaaka baagi, ga ba kgona go tla mo go rona go tla go re sekegela tsebe.
“Se se diragalang ke gore, go tla be go tsamaiwa mo masigo go goeletswa ka segoa-goane, mme kena le bo nnete jwa gore taletso ga ya nna teng. Fa ene ele teng, ba bogosi jwa ga Mankuroane le bone e ka bo ele karolo ya pulo semmuso,” Phatlhanyane wa tlhalosa
Phatlhanyane o kaile fa seo se bontsha go tlhoka maikarabelo.
Kgabagare, mogakolodi kwa kantorong ya ga Gaoraelwe, Lekgotlha Menyatso are kgang ya baagi ya gore molaetsa ga wa fitlha ko go bone ga e tlhaloganyesege. Menyatso are, fela batla tsaya dintlha tseo tsotlhe, mme ba di neele Gaoraelwe go tla ka togamaano.
“E tla e sa tlhaloganyesege ha ba re pulo semmuso ya ntlo lehalahala mo motseng wa bone ga ya rulaganngwa sentle. Ga re itse gore ba raya jang, fela re a ba utlwa mme ga re ba tlhaloganye sentle. Dithulaganyo di dirilwe sentle, mme jaaka rona rele masepala o mogolwane wa selegae wa Taung, re masepala o reetsang batho le fa ba tlhagisa mabaka a bofitlha.
“Ke ka moo re dumalaneng ka bongwe jwa pelo, mme dintlha tsa bone re di kwale mo fatshe re ye go di neela mayara wa masepala. Re tla tla ka tlogamaano mo ntlhe e le go bona gore re tsaya selebego sefe,” Menyatso wa tlhalosa.
Kgabagare, Kgosi Othabile Phatlhanyane are: “Ga gona se ke tla se bua, gonne ke laleditswe go ka tsenela pulo semmuso ya ntlo lehalahala. Jaanong, nna ke boditse baagi fa ba amogetse taletso, mme bontsi jwa bone bo kaile fa ba sa lalediwe, ebile ba kaile fa ba se kitla ba tsenela pulo-semmuso eo.
“Se se tlhokegang ke gore, masepala le baagi ba dule mo fatshe go buisanela kgang e, le go tla ka tharabololo mo mathateng a.”