
Setshwantsho: Moswi o setopo sa gagwe se bonweng se kgaotswe kgokgotso, Gopolang Kesiilwe/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba motse wa Tlakgameng, gaufi le Ganyesa ba re ba kgakgamaditswe ke tiragalo e setlhogo morago ga go bonwa ga setopo sa mosimanyana wa dingwaga dile 11 mo letsatsing la Tshipi.
Setopo sa ga Gopolang Kesiilwe se sene se kgaotswe mometso, se bonwe gaufi le lefelo la go rekiswa bojalwa mo letsatsing la Tshipi fa ura ene le ya sethoboloko.
Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokolonele Adele Myburgh wa tlhalosa.
“Sepodisi kwa Ganyesa, se batlisisa kgetsi ya polao, mme se se tla morago ga go itsisiwe ka kgetsi ya polao mo letsatsing la Tshipi ka ura ya lesho lebobedi mo motshegareng kwa motseng wa Tlakgameng.
“Go begwa fa sepodisi se amogetse mogala go tswa go mongwe wa baagi, a bega fa go bonwe setopo gaufi le lefelo la thekiso ya bojalwa. Sepodisi se ile sa itelekela kwa lefelong la tiragalo, mme ba fitlhela setopo sa mosimanyana wa dingwaga dile 11 se se ne sena le dintho tsa go tlhabiwa mo thamong,” Myburgh wa tlhalosa.
Myburgh are, go begwa fa moswi a ne a kgaotswe kgokgotso ka sengwe se se bogale. Are ba ditirelo tsa phaloso ba ile ba netefatsa fa Kesiilwe a tlhokafaletse kwa lefelong la tiragalo.
“Ga gona ope o o tshwerweng, mme dipatlisiso di tsweletse,” Myburgh wa tlhalosa.