Masepala wa sedikwa o neelana ka dirori tsa kgelelo-leswe


Setshwantsho: Majoro wa masepala wa selegae wa Mamusa, Mittah Chelechele ga mmogo le majoro khuduthamaga wa masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae “Sense” Maje  

Ka OBAKENG MAJE

Masepala o faraferweng ke mathata wa selegae wa Mamusa, o kaile fa o amogetse dirori tsa kgelelo-leswe go tswa go masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati kwa Vryburg mo letsatsing la maabane. Masepala o neelane ka dirori tse, go masepala wa selegae wa Mamusa morago ga selelo sa tlhokego ya ditirelo mabapi le kgelelo-leswe ka motsi wa thebolo ya ditirelo ya Thuntsa Lerole.

Majoro wa masepala wa Mamusa, Mittah Chelechele are, ba itumetse thata go ka amogela dirori tse, gonne seo se tlile go ba nolofaletsa kgwetlho ya thebolo ya ditirelo. Are, ba na le dingwaga-ngwaga ba lela ka tlhokego ya di diriswa mabapi le kgelelo-leswe, mme jaanong ba motlotlo go amogela dirori tseno.

“Re le masepala, re itumetse thata ka kabelano e re e filweng ya dirori tsa kgelelo-leswe ke masepala wa rona wa sedika. Selelo se, kgale re se lela dingwaga-ngwaga, mme mo letsatsing la gompieno re kgonne go tsekegelwa tsebe.

“Baagi ke bone ba ba tlileng go unngwelwa segolo bogolo, gonne ke bone ba kgale ba itemogela dikgwetlho mabapi le kgelelo-leswe. Seno se tlile go re thusa thata jaaka masepala gore re kgone go isa ditirelo ko bathung,” Chelechele wa tlhalosa.

Chelechele are ntwa e, e ba tshotse dingwaga-ngwaga, mme fela ba lebogela go bona se kgale ba se lwelwa se nna le maungo a natetshang.

“Motswana o buile are, sengwe le sengwe sena le nako ya sone. Jaanong, re leboga thata masepala wa rona wa sedika gore tsekegela tsebe,” Chelechele wa tlhalosa.

Kgabagare, majoro-khuduthamaga wa masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje are, ba bone go le botlhokwa go neela dimasepala tsa bone tsa selegae di diriswa tsa kgelelo-leswe, gonne ba itemogetse mathata a gore, sedika sa bone se a gola.

“Sedika sa rona se gola ka lobelo le le feteletseng, mme seo se itsa masepala go ka tsenya mafaratlhatlha a kgelelo-leswe a lekaneng mo ditulong tsa rona tse di farologaneng. Fela, re solofetse fa kabelano eno, e tla nolofatsa neelano ya ditirelo go baagi.

“Seno se tlile go re thusa thata mo thebolong ya ditirelo jaaka kgelelo-leswe le go neelana ka metsi go baagi ba rona go metse e farologaneng. Gape, se tlile go thusa thata segolo-bogolo go mafelo a a iseng a tsenyediwe dipeipi tsa go tsamaisa metsi,” Maje wa tlhaolsa.

Go ya ka Maje, dirori tse di tlile go thusa thata mo go neeleng baagi metsi, gonne jaaka masepala ba tsweletse go duela madi a le mantsi go bo rakonteraka ba ikemetseng, mme ba thapilwe go neelana ka metsi go baagi.

Maje are, seno se tlile go nolofatsa mokgweleo o wa tlhokego ya metsi go masepala wa sedika.

“Re itemogetse gore, go tlhokega madi a le matsi thata, jaanong ga re kitla re kgona go tswelela re thapa bo rakonteraka ba ba ikemetseng go ka neelana ka metsi go baagi,” Maje wa tlhalosa.

Go begwa fa masepala wa sedika o tsweletse go duela borakonteraka ba ba ikemetseng dimilione di balwa ka kgwedi go ka neelana ka metsi go baagi, mme seo se ame thebolo ya ditirelo.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.