
Setshwantsho: Poloko Sekgopi one a latofadiwa ka go teketa/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba tlogetswe ga gamaregile morago ga gore lekgarebe (33) go begwang lene la bonwa le teketwa mo setshwantshong sa motshinyego se se tletse-tletse le maranyana a boitapoloso kwa Vryburg le tsholole kgetsi kgatlhanong le molatofadiwa, Poloko Sekgopi (39).
Kgetsi ya go teketa kgatlhanong le Sekgopi ene ya busediwa morago go fitlha di 13 Lwetse 2023. Fela, mo letsatsing la maabane, mongongoregi one a go tsholola kgetsi.
Sebueledi sa bothati jwa bosekisi, National Prosecuting Authority (NPA) mo Bokone Bophirima, Henry Mamothame are: “Ke nnete, mongongoregi one a leba kwa kgotlha-tshekelo mo letsatsing la maabane, mme a fitlha a tsholola kgetsi ya go teketa kgatlhanong le Sekgopi. O kaile fa maikaelelo ene ese go bula kgetsi morago ga tiragalo, fela o ile a patelediwa ke bangwe ba baagi.
“Sepodisi se ile sa kwadisa bopaki jwa gagwe, mme a bewa fa pele ja magistrata le go paka mot lase ga maikano fa a sa patelediwe kgotsa go tshosediwa go ka tsholola molato kgatlhanong le molatofadiwa. Kgetsi ene ya tshololwa kgatlhanong le Sekgopi.”
Gone ga kaiwa fa Sekgopi a ile a lelelwa ke ditshipi morago ga go bonwa a teketa lekgarebe kwa Shell Garage teng kwa Vryburg ka di 13 Phatwe 2023.
Go ya ka dipego, Sekgopi one a tsena kwa Shell Garage a hupile tedu kwa a fitlhetseng lekgarebe le teng, mme a le tlhasela. Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, Sekgopi one a tlhasela le motlhokomedi wa tshireletso yo oneng a leka go tsereganya.
Van Rooyen are, motlhokomedi o, le ene one a bula kgetsi ya go teketa kgatlhanong le Sekgopi.
Lekgotlha gape le ne la utlwa fa Sekgopi ane a bonwa molato mo kgetsing enngwe ya go teketa ka Motsheganong 2023. One a neelwa kotlhao ya dikgwedi dile tharo kwa kgolegelong e ene ya beelwa thoko sebaka sa dingwaga dile tlhano.
Kgabagare, mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo Bokone Bophirima, o kaile fa o goeletsa gore molatofadiwa a se neelwe beile ke kgotlha-tshekelo. Sebueledi sa SANCO mo porofenseng, David Xolile Kham are ba kgatlhanong le tshotlakako ya bong.
“Ke ka maswabi go bona motho wa mme a bediwa ke rakgwebo o itsagaleng go tswa kwa North World Circles. Tshotlakako kgatlhanong le bong e goeleditswe jaaka leroborobo mo Afrika Borwa. Jaanong, re rotloetsa banna ba ba dikgoka go ka thusa go aga setshaba se se tsepameng.
“A banna ba atle bomme gona le go ba teketa, kgotsa go ba bolaya. Seo se botsha fa tshotlakako ya bong e sentse ele tlhoba-boroko. Re tlile go ikuela go lefapha la katlatlelo-loago go ka netefatsa fa ba ba sotlakakiwang ba bona bosiamise,” Kham wa tlhalosa.
O kaile gape fa mokgatlho wa SANCO o tlile go sala morago tiragalo e, le go netefatsa fa ba ba molato ba rweswa maikarabelo.