Mokgweetsi o tlhokofetse mo kotsi ya sejanaga kwa Longaneng


Setshwantsho: Sejanaga sa modiro wa Polo/Tshwantshiso

Ka OBAKENG MAJE

Mokgwedi wa dingwaga dile 23 o latlhegetswe ke botshelo kwa motseng wa Longaneng, gaufi le Taung mo letsatsing la Tshipi. Go kaiwa fa mokgweetsi ono, Onalenna Motaung (21) a ne a tswa kwa motse-setoropong wa Pampierstad, mme a ne a etetse ba losika la gagwe kwa Mothanthanyaneng.

Go begwa fa lekawana le, le ne le sena lekwalo la go kgweetsa, mme o ile a fitlha a tsaya koloi ya modiro wa Polo Vivo kwa a ne a etetse teng, mme a leba kwa maitisong kwa motseng wa Longaneng.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o kaile fa mokgweetsi o, a ne a tsamaya le lekgarebe lengwe fa kotsi e diragala.

“Mokgweetsi ono, one a latlhegelwa ke taolo ya sejanaga, mme sa menoga. Go kaiwa fa lekgarebe le a ne a tsamaya le lone, lene la rwalelwa kwa bookelong morago ga bona dikgobalo tse di botlhotshwana.

“Kgetsi ya polao ntle le maikaelelo ene ya bulwa ke sepodisi. Re tla netefatsa fa mokgweetsi ono, ane a sena lekwalo le le maleba la go kgweetsa. Mokgweetsi one a netefatswa fa a tlhokafetse kwa lefelong la tiragalo,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.