
Setshwantsho: Refilwe Motlhankana/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Ba lelapa la ga Refilwe Motlhankana kwa motseng wa Kolong, gaufi le Taung ba kaile fa ba itumetse go feta selekano morago ga kgorogo ya lekgarebe la bone mo letsatsing la maabane. Go begwa fa Motlhankana yo eleng moithuti kwa sekolong se segolwane sa Kebinelang kwa motseng wa Manthe, a ne a nyelela ka Lamatlhatso fa a ne a ile sekolong go tsenela dithuto tsa tlaleletso.
Fela, mongwe wa baagi, ba ba ne ba tshweneyegile, Galaletsang Magare are, lekgarebe leno, le gorogile kwa lapeng mo letsatsing la maabane.
“Re itumetse thata go bona ngwana wa rona a goroga kwa lapeng. Motlhankana o tlhalositse fa ele kgale a le kwa tsaleng nngwe ya gagwe. Re ne re tshogile thata, gonne batho ba nyelela matsatsinyana a,” Mogare wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, mogokgo wa sekolo sa Kebinelang, one a kaela sepodisi mo letsatsing la gompieno fa Motlhankana a tlhotse a le teng kwa sekolong, mme a ne a sa timela. Van Rooyen are, mogokgo o netefaditse fa Motlhankana a ne a etetse lekau la gagwe, mme one a sa timela.