
Setshwantsho: Diphologolo tsa naga dishele
Ka OBAKENG MAJE
Balemi-rui kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati ba ikuela go puso go ba tlhaga thuso mo twantshong kgatlhanong le melelo ya naga e e tsweletseng go fisa masimo a bone. Mo dibekeng tse tharo tse di fetileng, melelo ya naga ene ya tswelela go fisa masimo ga mmogo le naga, mme diphologolo dile dintsi di ile tsa amega thata.
Mokhuduthamaga wa lefapha la Temo-Thuo le Tlhabololo ya Naga mo Bokone Bophirima, Desbo Mohono o ikuetse go baagi go se fise naga, gonne seo se baka tatlhegelo e kgolo ya moruo. Mohono one a buisana le Motsweding FM, mme are baagi ba ele tlhoko gonne seo se ka tswa se bakiwa ke phetogo ya lewapi.
“Ke utlwile botlhoko thata go bona seno se diragala. Ga re gane ke setlha sa melelo, mme gona le batho ba ba tsweletseng go tlhotlheletsang mathata a renang le one a melelo. Gole gantsi, ke go ikgatholosa ga batho ba ba gotsang melelo. Fa o gotsitse molelo, netefatsa gore molelo o timile gotlhelele.
“Ra tlhaloganya gore re sentse rena le bagaetsho ba ba setseng ba dirisa molelo go apaya mo di karolong dingwe tsa porofense. Jaanong, fa molelo o o sa timiwe, o tla baka mathata. Gape, se sengwe se se tlholang melelo ke batsumi ba rona kwa nageng,” Mohono wa tlhalosa.
Mohono are go le gantsi fa batsumi bao ba lelekisitse kolobe ya naga e be e tsena mo mosimeng, ba gotsa molelo gore e tswe. Mohono are jaanong fa kolobe eo e tswa mo mosimeng e tshaba, batsumi bao ga ba sa tlhole ba lebelela molelo, mme ba shebana le go tshwara kolobe.
“Jaanong, seo se feleletsa se ama mahulo a rona. Gape se sengwe se se bakang melelo, ke fa naga ya rona ele tshetlha, e kgona go tshubelwa ke magadima. Ke gopola gore seno se ile sa diragala kwa masepaleng wa Kagisano-Molopo.
“Le batho ba ba gogang metsoko ba feleletsa ba latlhela metsoko eo ya bone mo nageng, mme e feleletse e bakile melelo. Se baagi ba ka se dirang ka nako ya go runya ga molelo, ke go leka go o tima fa o sentse ole monnye, mme fela fa o setse o godile re ba rotloetsa gore ba se tsene mo molelo owa, gonne o ka ba bakela dikgobalo,” Mohono wa tlhalosa.
Mohono are gona le mekgatlho e e farologaneng ya melelo, jaanong baagi ba ka dirisana mmogo le yone. Are, molelo wa matsatsi a o kotsi gonne wa fofa.
“Go le gantsi re itemogela gore molelo o kgona go tlola tsela ya sekontere, mme seo ga sa tlwaelega. Re rotloetsa balemi-rui ba rona go nna le dikgorwana tse di thibelang melelo (fire belts). Re tla gopola gore, phetogo ya lewapi le yone e fetotse dilo dile dintsi jaanong re tshwanetse re tsamaye le dinako.
“Gape, gona le dithupelelo tse re di dirang jaaka lefapha, mme re di neele bagaetsho go ka leka go samagana le melelo e e ntseng jalo. Re rotloetsa gape balemi-rui ba rona e nne karolo ya thupelelo eo fa re neelana ka yone,” Mohono wa tlhalosa.
Mohono are ba rotloetsa gape dimasepala tsa porofense gore ba netefatse fa melao le melawana e latelwa. Mohono are ba rotloetsa balemi-rui go netefatsa fa ba na le di insurance go netefatsa fa ba thusega ka nako ya mathata.