Baagi ba Schweizer Reneke ba amilwe ke loso la lepodisi la bone


Setshwantsho: Sarasanta wa sepodisi o a bolailweng, Keitumetse Masilo

Ka REGINALD KANYANE

Baagi ba motse-setoropo wa Ipelegeng kwa Schweizer Reneke, ba kaile fa go bolawa ga lepodisi la bone kwa Kimberley, Sarasanta Keitumetse Masilo (45) ele poelo morago mo twantshong kgatlhanong le bosenyi. Ba re le fa Masilo a ne a dira jaaka motlhankela wa sepodisi kwa Kimberley, ba ne ba le motlotlo ka ene, gonne one a fofisa folaga ya motse-setoropo wa bone kwa godimo.

Mongwe wa baagi, Jennifer Motsei o ikuela mo puso go ka dira ka natla go netefatsa fa mapodisi a sireletsegile ka dinako tsotlhe. Motsei are, go botlhoko go bona mapodisi a bolawa ke disinyi, mme molao o sa tsengwe tirisong.  

“Nna ka nosi ke ne kere a katlholelo loso e busediwe gonne bosinyi bo ile magoletsa. Mapodisi ga a sa tlhole a itse gore a dire eng, gonne molao o sireletsa disinyi. Ba kgona go bolawa fela ba ntse ba tshwere dithunya, gonne fa ba di dirisa, molao o ba isa kgolegelong kgotsa ba latlhegelwa ke tiro,” Motsei wa tlhalosa.  

Masilo, yo one a direla lephata la sepodisi le le rebang bosinyi jo bo kwa godimo, one a thuntsiwa le go bolawa ke rasethunya ga mmogo le modiri ka ene, Konsetabole Okaetse Mandindi yo a tlhagang kwa motse-setoropo wa Pampierstad fa bane ba le mo tirong.

Ene ya re ka Labobedi, Mandindi le Masilo, ba sala morago sejanaga sengwe se sene se begwa se utswitswe kwa Bloemfontein. Mme ene ya re molatofadiwa, Daniel Wilfred Alberts (38) go lemoga ha sepodisi sele mo motlhaleng wa gagwe, one a leka go le botsa phokoje ka sejanaga.

Fela, Masilo le Mandindi, ba ne ba mo baya marebele.

Sebueledi sa sepodisi kwa Northern Cape, Brig Brig Mashay Gamieldien are, Alberts one a leka go siela kwa setheong sa Transnet, mme a thula ka sejanaga seo.

“Molatofadiwa one a thuntsa Masilo ga mmogo le modiri ka ene, Mandindi. Molatofadiwa one a le botsa phokoje ka maoto, fela one a direlwa sakana la nkope ke sepodisi, mme a tshwarwa moragonyana,” Gamieldien wa tlhalosa.

Sebueledi sa lephata la bosekisi kwa Northern Cape, Mojalefa Senokoatsane are, Alberts o lebaganeng le ditatofatso tse pedi tsa go bolaya, ditatofatso dile thato tsa go tshwara poo le maikaelelo a go ntsha dikgobalo, bogodu jwa sejanaga ga mmogo le bogodu.

“Ha Alberts a ne a tlhageletse kwa kgotlha-tshekelo, o ile a kaela lekgotlha fa a sa tle go dira kopo ya beile. Molatofadiwa o tla romelwa kwa bookelong jwa batho ba malwetsi a tlhaloganyo go ya go mo lekola tlhaloganyo,” Senokoatsane wa tlhalosa.

Senokotsoane are seno se tla morago ga gore Alberts a kaele lekgotlha fa a tlile a amogelwa kwa ditheong tsa malwetsi a tlhaloganyo mo nakong e e fetileng. Are molatofadiwa o ka tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ka tiriso ya mafaratlhatlha (virtually) fa a boela kgotlha-tshekelo ka di 5 Diphalane 2023, mme dipatlisiso di tsweletse.

Tirelo ya phitlho ya ga Masilo e tlile go tshwarelwa kwa ntlo-lehalahaleng ya baagi kwa Ipelegeng Multi-Purpose Hall ka Tshipi, 27 Phatwe 2023 ka ura ya bo supa mo mosong, fa Mandindi a tla bolokwa kwa dirapeng tsa baswi tsa Pampierstad mo bekeng e e tlang, 2 Lwetse 2023.

taungdailynews@gmail.com

One thought on “Baagi ba Schweizer Reneke ba amilwe ke loso la lepodisi la bone

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.