‘Rrakgwebo o tshelela mo letshogong morago ga matshosetsi a polao’


Setshwantsho: Rrakgwebo wa selegae, Shepherd Mathe

Ka OBAKENG MAJE

Rrakgwebo wa selegae mono Taung, Shepherd Mathe are o tshelela mo letshogong. Seno se tla morago ga gore go tsoge kgakgaruane magareng ga gagwe le tsala ya gagwe ya maloba, Neo Oganne o ebile eleng lepodisi kwa Kimberley kwa porofenseng ya Northern Cape.

Go ya ka Mathe, ene le Oganne, e tlile ya nna ditsala tse di ntshanang se se moinong, mme seo sene sa fetoga morago ga gore Oganne a tsene mo di kamanong tsa marato le mosadi wa gagwe, Refilwe Mathe.

Mathe o latofatsa Oganne ka go mo tshosetsa moo ebileng a mo laetseng fa a tlile go mo bolaya. Mathe are, ene ya re ka 14 Mopitlwe 2023, one a kopana le Oganne kwa Taung Mall, mme one a mo tswalela ka sejanaga sa gagwe sa sepodisi le go mo tlhapaola.

“Ka di 14 Mopitlwe 2023, kene ka letsetswa ke tsala nngwe yame go ka tla go mo thusa kwa Taung Mall, gonne sejanaga sa gagwe sene se na le mathata. E ne ya re go fitlheng gaka koo, kene ka mo kaela fa dithapo tse di dumisang koloi (jumping cables) ke di tlogetse kwa tirong, mme kene ka mo kopa gore re di latele,” Mathe wa tlhalosa.

Mathe are, ka maswabi, ene ya re fa a busetsa sejanaga sa gagwe kwa morago, one a bona Oganne o yo one a kgweetsa sejanaga sa sepodisi a eme mo morago gagwe. O kaile gape fa Oganne a ne a mo tlhapaola.  

“One a nkaela fa a tlile go mpolaya. Ga ke a mo araba, mme re ne ra mo tlogela a tsamaya. Fela morago ga go akantshana le tsala yame, re ne ra dumalana gore re mo sala morago. Maikaelelo a seo, ene ele go tsaya setshwantsho sa dinomoro tsa koloi (registration number) ya gagwe gore re itsise sepodisi.

“Re ne ra mo sala morago go fitlha kwa Extension 7, mme rene ra kgona go tsaya setshwantsho sa koloi ya gagwe. Fela, ene ya re Oganne go lemoga seo, one a re sala morago. One a ntshitse letsogo a supile mo go rona. Ka nako eo, ke ne ke kgweetsa, mme ke sa itse gore, a one a ntshitse sethunya kgotsa ene ele letsogo fela, gonne ke ne ke mo lebeletse mo seiponeng,” Mathe wa tlhalosa.

Are, ene ya re fa ba fitlha gaufi le tulo ya boroba-sogo ya Phoka Guest House, Oganne one a ba thula kwa morago, mme a tsamaya. Mathe are, ba ne ba mo kopa gore a eme gore a tle go bona ditiro tsa gagwe.

“Ka maswabi, o ile a tswelela fela ka leeto la gagwe, mme a ntse are roga ka bo mma rona. Morago ga moo, kene ka letsetsa sepodisi le go ba tlhalosetsa ka se se diragetseng.

“Sepodisi sene sa kopa gore re ye kwa dikantorong tsa bone fa koloi e kgona go tsamaya. Ene ya re go fitlha kwa ga rona, rene ra bula kgetsi,” Mathe wa tlhalosa.

Mathe are, morago ga moo, ba ne ba leba kwa Kimberley go ya go tlalea Oganne kwa tirong ga gagwe. Mathe are ga jaana, o ikutlwa a sa sireletsega gonne Oganne o tsamaya ka sethunya sa gagwe sa tiro, mme sengwe le sengwe se ka diragala.

Oganne ga ka a arabela ma gatwe a, fa Refilwe ene a kaile fa a sa batle go bona leina la gagwe mo lekwalo dikgang la Taung DailyNews.  

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brig Sabata Mokgwabone o kaile fa kgetsi ya go kgweetsa botlhatswa ga mmogo le matshosetsi e butswe kgatlhanong le Oganne mme dipatlisiso di tsweletse.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.