
Setswantsho: Ntlo e lakailwa ke molelo kwa toropong ya Taung
Ka OBAKENG MAJE
Mong wa ntlo e e lakitsweng ke molelo mo letsatsing la maabane kwa toropong ya Taung, go kailwe fa a ganne go bula kgetsi. Go ya ka dipego tse di sa totobalang, go kailwe fa molelo o, o tlhodilwe ke dikhemikhale.
Mongwe wa bo marata-helele, o tlhalositse fa ba belaela sengwe se se seng mo molaong se diragala kwa ntlung eo.
“Re fitlhile kwa ntlung eo, mme ra bona kgabo ya molelo e tswa mo kamotshaneng eo. Se se makatsang ke ka mokgwa o kamotshana eo, ene e kampetswe ka teng go utlwala.
“Go ya ka pono yame ya matlho, go katswa gona le bogwene-gwene bongwe jo bo diragalang kwa ntlung eo. Go ya ka dipego, mong wa ntlo eo, yo eleng motswa-kwa wa mo Indian, one ne a leletswa le go begelwa fa ntlo ya gagwe e jewa ke kgabo ya molelo.”
Marata-helele are, mme, se se mo makaditseng ke gore, go fitlha ga monna o, one a kaya fa setlhodi sa molelo ele dikhemikhale. Marata-helele are, fela gaka a tlhalosa gore ke dikhemikhale tsa mofuta ofe.
Kgabagare, sebueledi sa sepodise mo Bokone Bophirima kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer, Tryphosa van Rooyen are, sepodisi se itsisitwe ka tiragalo eo, mme ka maswabi, mong wa ntlo one a gana go bula kgetsi.
“Sepodisi sene sa itelekela kwa ntlung eo, morago ga go tsibosiwa ka molelo o runtseng koo. Fela, beng ba ntlo eo, ba kaile fa ba se kitla ba bula kgetsi,” van Rooyen wa tlhalosa.