
Setshwantsho: Morutabana wa kwa sekolong se segolwane sa Batlhaping/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Sepodisi sa Afrika Borwa mono profenseng ya Bokone Bophirima, se kaile fa go sena kgetsi e tlhatlhwetsweng kgatlanong le morutabana wa sekolo se segolwane sa Batlhaping mono Taung.
Seno se tla morago ga ma gatwe a gore, morutabana o, o tsatsankile lekgarebe la gagwe ka sengwe se se bogale mo mokotleng, mme a mo tlogela ka dikgobalo tse di tseneletseng.
Go ya ka moanamisi wa mafoko mo mafaratlhatlheng a boitapoloso a Facebook, Reabetswe Pabi, tiragalo e, ke ya kwa motseng wa Ditshilong gaufi le Taung.
“Dumelang baagi ba Taung. Ke tlile ka kgang e masisi tota, mme ke ne ke batla go bua ka morutabana o tlhabileng lekgarebe la gagwe kwa motseng wa Ditshilong. O tlhabile mosetsanyana o, makgetlho a le mararo mo lerapong la mokotla.
“Morutabana o, o ruta ko Batlhaping High School. Banna, ke kopa le tlogeleng tshotlhakako ya basadi. Ke rapela Modimo gore ngwana wa batho o tlhabilweng a bone tshiamiso.”
Fela, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Tryphosa van Rooyen are: “Motlhekefadiwa ga se a bule kgetsi kgatlanong le molatofadiwa. Fela, ke tla lo itsise fa kgetsi e setse e butswe.”
Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Elias Malindi are, jaaka lefapha, ga ba itse sepe ka kgetsi eno. Fela, Malindi are ba dula bana le metseletsele ya go atlhosa barutabana ba bone kgatlhanong le tshotlakako ya basadi le bana.
