Baagi ba tsweletse ka go parega ditsela ka ntlheng ya tlhokego ya metsi


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Lokgabeng gaufi le Taung, ba mina ka nko ele nosi mme ba ikuela gore ba neelwe metsi. Baagi bano, ba paregile mmila-mogolo o golaganyang toropo ya Taung le ya Reivilo ka matlhaku ga mmogo le ditaere tse di tukang.

Ba kaya fa ba na le sebaka sa dikgwedi ba sena metsi. Morulaganyi wa mogwanto o, Mothohela Motshabi, o kaile fa ba emetse majoro wa masepala wa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseothata Maje go ka tla go ba ema ka lefoko.

Fela, Motshabi are ba makadiwa ke ntlha ya gore, majoro wa sedika o boleletse ba dikgang tsa sealemoya sa selegae sa Vaaltar FM gore baagi ba emisitse porojeke ya metsi e e tsweletseng kwa motseng wa bone. Gape Motshabi are, ba ne ba kopane le morongwa wa masepala wa selegae o mogolwane wa Taung, Itumeleng Maribe go ka tla ka toga-maano le tharabololo mo ntlheng eno.

Fela go ya ka Motshabi, kopano eo ga ya ntsha maungo, gonne Maribe one a boeletsa fela se a ne a se bua mo ngwageng o o fitileng.   

“Maribe one a boeletsa fela se a ne a se bua mo ngwageng o fetileng. Jaanong, re setse re emetse majoro khuduthamaga wa sedika, Motseokae Maje gore a tle go re ema ka lefoko. Fela, se se makatsang ke gore, majoro khuduthamaga ntse a bua mo sealemoyeng sa selegae sa Vaaltar FM, mme o kaile fa baagi ba emisitse porejeke.

“Seo ke sengwe se se ntsha mo ditsebeng tsa rona re le baagi. Ebile le rakonteraka le ene one a maketse, mme o kaile fa a sa itse sepe. Metsi a di JoJo tank a reneng re a tshepisitswe ke masepala, ga gwa tsaya le kgwedi re ntse re a bona.

“Go tshotse fela dibeke dile pedi, mme ebile a sa tshelwe mo ditankeng tsotlhe. Gape, se re sa se itumelelang ke gore mapodisi ba thuntse baagi ba sa ba dira sepe,” Motshabi wa tlhalosa.  

Kgabagare, Mokhaserala o o ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha kwa masepaleng o mogolwane wa Taung, Itumeleng Maribe are: “Maabane re kopane le baagi ka taelo ya ga majoro, gonne one a na le ditshwarego tse dintsi. Kgang e ene ele kwa setlhoweng e nnile kgwetlho ya metsi.

“Baagi ba ikuela gore ba neelwe metsi, mme rene ra buisana le masepala wa sedika ka ntlha eno. Mo ngwageng o fetileng, go ile ga thapiwa rakonteraka go ka baakanya madutelo a tlisang metsi kwa Lokgabeng.”

Maribe are, gona le kgwetlho ya gore baagi ba ka bona metsi ka ditanka, mme ga se baagi ba motse wa Lokgabeng fela ba ba itemogelang dikgwetlho tseno. Are, jaaka masepala, ba tlile go tswelela go netefatsa ka bo jotlhe a baagi ba bone metsi.

“Re tsweletse go itemogela dikgwetlho ka ntlheng ya di diriswa mo go neelaneng ka metsi go baagi ka mokgwa wa ditanka,” wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.