Batshamiki ba le bane ba tlhopiwa go tshamekela ABC Motsepe!


Ka OBAKENG MAJE

Bangwe ba batshamiki ba kgele ya dinao ba ba tshotseng karolo kwa metshamekong ya dikgaisano kwa motseng wa Modimong gaufi le Taung mo kgweding e e fitileng, ba tlhopilwe ke setlhopa sa Real Madrid FC sa kwa Kimberley kwa porofenseng ya Northern Cape.

Setlhopa seno, se tsaya karolo mo leking ya ABC Motsepe. Mongwe wa batshamiki bao ba tlhopilweng ke mo nosa dino wa setlhopa sa Atlantic Pirates FC, Mswandile “Sniper” Maci. Lekawana leno la kwa Vesselbron kwa porofenseng ya Free State, one a tshamekela setlhopa seno fa ane a tlhopiwa.

Setlhopa seno sa Atlantic Pirates FC, ke bone bo mampodi ba sejana. Maci are, one a lalediwa go ka tsenela diteko tse dineng di tseisa manya kwa sekolong se segolwane sa PH Mooketsi kwa Taung ga mmogo le batshamiki ba ka nna 20.

Maci are, mo bekeng e e fetileng, ba ne ba leba kwa Kimberley go ya go tshameka motshameko wa diteko kgatlhanong le setlhopa sa Real Madrid FC.       

“Go ile ga tlhopiwa batshamiki ba le nne, mme ka lesego ke ile ka nna mongwe wa bone. Ke itumetse thata ebile ke tlile go ka dira ka natla gore ditoro tsame tsa go ka tshamekela setlhopa sengwe sa porofeshenale di atlege.

“Ke ka rata go ka tsaya tshono e, le go leboga botlhe ba ba tshotseng karolo mo go rulaganyeng diteko tse. Re tlile go tshimolola go ikatisa le setlhopa fa setlha se se latelang se tshimolola,” Maci wa tlhalosa.  

Mongwe wa barulaganyi ba thonamente kwa Modimong go tswa kwa setlhopeng sa Boema Lovely Movers FC yo ebileng a dira jaaka mokatisi, Jacob Takase Tshilo wa tlhalosa: “Gore re feleletse re rulagantse metsameko e, maikaelelo ene ele go ntsha bana mo mebileng le go thusa malapa a dikobo dikhutsane.

“Ka bonyenyane jo re nang le bone, re kgona go rekela makgarebe mesangwana ya bomme ha ba ya kgweding, ga mmogo le ditlhako tsa sekolo.”

Tshilo are ga ba felele foo, mme gape ba na le go thusa dikereke tse di tlhokang ga mmogo le bagodi.

“Re na le baborogi go tswa ko Boema Purified Water ga mmogo le baborogi ba ba farologaneng. Re ikuela gape mo masepaleng wa rona o mogolwane wa Taung gore o tlogele go goga dinao le go re lomeletsa, mme o re thuse mo re tlhokang teng.

“Thuso ga se fela ya madi, mme re ikuela gape go botlhe ba ba nang le bokgoni go ka tsenya letsogo. Re leka ka thata gore batshamiki ba rona ba kgone go fetela kwa legatong le le latelang la diliki tse di farologaneng jaaka PSL, Diski Challenge ga mmogo le leki ya Motsepe,” Tshilo wa tlhalosa.

Are ba itemogetse gore go thatanyana fa o dula mo magaeng go ka bona tshono, jaanong ba leka go tsholetsa serodumo gore ba ba batlanang le batshamiki le bone ba iponagatse go tla go lebelela metshameko eno.

Kgabagare, bafinyi ba iponetse ledi le le kanang ka R25 000, fa ba ba latlhegetsweng kwa makgaola-kganyeng ba iponela R11 000. Tshilo are ditlhopa tse di iponetseng maemo a boraro le a bone ba gapile madi a kanang ka R6000 setlhopa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.