Dingaka di thusa go batla mosadimogolo o timetseng kwa Cokonyane


Ka BAKANG MOKOTO

Ba lelapa la ga tlhogoputswa wa kwa motseng wa Cokonyane gaufi le Taung, ba kaile fa ba na le tsholofelo gore mosadimogolo Kgalalelo Mosadiwamaje Naledi (79) o tla goroga kwa lelapeng a tshela morago ga kgwedi a timetse. Dingaka tse difarologaneng ga mmogo le morafe, ba tlhotse ba phuthaganetse kwa lelapeng la ra Naledi ele go ka tla ka maano a go bona motlhala o tla ba isa kwa Kgalalelo a leng gone.   

Morwa Kgalalelo, eleng Eric Naledi, are ba na le tshepo ya gore dingaka tse di tlhotse di gorogile kwa lelapeng la bone di tla ba tlhaga thuso. Eric are, ha e sale go tlhokafala ga rragwe, Kgalalelo o tshimolotse go kubogelwa ke bolwetsi jwa go lebala.

“Gompieno re ile ra amogela dingaka go ya jaaka di ile tsa bidiwa ke kgosi. Mme dingaka tsa rona, di dirile tiro ya tsone sentle bothata ke gore dingaka tsa mo gae ga di kae motho ka leina, mme di tshwantsa seemo.

“Jaanong, ba re itsisitse fa patlo e re tla e batlang e se kgakala le motse wa rona wa Cokonyane, ebile go gaufi le ha lapeng. Nnete ke gore mosadimogolo ene o ntse a dirisiwa. Jaanong re emetse go bona gore go tla diragalang gonne, dingaka di dirisitse meshunkwane ya bone jalo, mme re tla nama re letile matsatsinyana go bona gore go ka diragala eng,” Naledi wa tlhalosa.

Kgabagare, kgosana ya motse, Rabodigelo Mankuroane are: “Re ne re le mo ga rra-Naledi ka ntlheng ya mme Kgalaleo yo o timetseng. O na le nako e kang ka kgwedi le beke a sa bonwe. Jaanong, re ne re biditse dingaka tsa setso le morafe ga mmogo le mapodisi go ka tla go re thusa gore re mo batlele ntlheng efe.

“Jaanong ka gore ga se a bonwe, tshwetso e re e tshotseng ke gore, re nne re sa letile mme dingaka tsone di dirile tiro ya tsone. Re sentse re shebeletse go bona gore tiro ya dingaka e tla re tlela ka eng.”

Sepodisi sa Bokone Bophirima se kaile fa kgetsi ya go timela ga motho e butswe kwa sepodising sa Taung, mme dipatlisiso di tsweletse.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.