
Ka OBAKENG MAJE
Mokaedi kwa setheong sa bagodi ga mmogo le batho ba ba sa itekanelang sa Lokgabeng Disability Centre, Agnes Mokgobo o kaile fa a itumeletse ketelo ya puso mo ka Mosopulogo. Puso letsatsing la
Ga jaana rena le batho ba re ba tlhokometseng ba le 53 le baithaopi ba le 24. Agnes Xoliswa Mokgobo are: “Re sthimolotse setheo seno ka ngwana wa 2001 ka maloko a le 24. Re ne re na le maloko a board ale 7 ga mmogo le a komiti ale 7. Re ne re na le badiri ba boitekanelo (caregivers), mme re tshimolotse re tsamaya mo matlung re tlhapisa bagodi le go tlhokomela malapa a dikobo dikhutsane.
“Moago o o bonang fa, ene ele lefelo la go rekisa nnotagi, mme kene ka e kopa mo ngweng way one gore re e dire setheo sa go tlhokomela bagodi ga mmogo le batho ba bas a itekanelang mo mmileng.
“Re tshimolotse re dira jaaka baithaopi mme re ne rat la ka maano a go dira madi ele go ka leka go letlhabolola. Rene ra dira dikhonsata, mme rene ra kgona go feleletsa re e rekile gore e be e le mo seeming se o bonang el emo go sone se. Mme re leboga thata lefapha la katla-tlelo Loago ka kemonokeng e ba re fang yone. Kgwedi le kgwedi go na le ledinyana le re le bonang go tswa kwa lefapheng, mme le setheo sa Lottery le sone se ntsha sengwe ngwaga engwe le engwe.
“Setheo se dira diura dile 24 gonne re tlhokomela bagodi ka go ba tlhapisa le go ba jesa jalo. Re na le bagodi ba bas a kgone go itira sepe fela, jaanong go mo go rona gore re bone fa ba bona tlhokomelo. Gape gona le batho ba bam o setheo ba ba senang ba masika, mme go sa itsiwe kw aba tswang teng.
“Go fitlha ga jaana, re na le batho ba le 6 ba go sa itsiweng kwa ba tswang teng, mme re dirisana thata le badiri ba katlatlelo-loago go ba bona ba masika a batho bao. Gape, re setse re kwaletse ba lenaneo la SABC 1 la Khumbule’ khaya go ka re thusa go ka bona ba masika a batho bano gonne seo ke tlhoba boroko mo go rona.
“Fa mongwe wa bone a ka feletsa Modimo a mo itseetse re tlile go tshwara bothata. Ga jaana, ke eletsa go bona setheo se godile ebile se na le lefapha la basha le bana. Bontsi jwa batho fa, bo tshimolola mo dingwageng tsa 18 go yak o godimo. Jaanong, re ka itumela thata gape ha re ka nna le lefapha la bana ba dingwaga tse di ko tlase.
“Ha o kaela tlhoko, go na le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba ba ntsi ba go senang kwa ba ka isiwang teng. Ke rata go rotloetsa basha gore ba itshware ka thata, mme ba ithutele dithuto tsa booki. Rena le bontsi jwa basha ba ba dirang diteko tsa ithutela tirong ba le bantsi go tswa kwa diunibesiting tse di farologaneng.
Mme ere morago ga moo, ba boe ba tle go dira jaaka baithaopi e le go leboga setheo.
Kgabagare, majoro khuduthamaga wa nakwana kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Thabiso Matobo o kaile fa ba abetse setheo mae a ka nna 3000 ele maitlhomo a go leka go thusa.