Baithuti ba kwa Magogong ba abelwa ditlhako!


Ka KEDIBONE MOLAETSI

Bontsi jwa baithuti ba tsweletse go ka itemogela tlhokego ya ditlhako tsa sekolo segolo thata jang ba ba tswang kwa malapeng a sa itsholelang. Mme seno, se dira gore bontsi jwa bone ba tlogele sekolo, fa bangwe ba ralala serame ka la ga Moshe.

Fela seno, se ne sa rotlwetsa basha ba kwa motseng wa Magogong gaufi le Taung go ka itira ngatana e le nngwe le go tla ka togo-maano ya go ka thusa. Morulaganyi wa setlhopha seno sa basha, Tebogo Morweng are fifing go tshwaranwa ka dikobo mme ke ka moo ba bone go le botlhokwa go ka tlhama porojeke eno.

“Thito-kgang ya porojeke eno, ke go ka netefatsa gore re neelana ka ditlhako tsa sekolo go barutwana ba ba dikobo magetleng. Re tlhamile setlhopa sa basha mo motseng wa rona wa  Magogong morago ga go lemoga gore go na le baithuti ba ba tlhokang.  

“Jaanong re neelane ka ditlhako di feta 100 go baithuti ba dikolo ka go farologana. Dikolo-potlana di tshwana le Sedibathuto, Olebile, Kopanang gammogo le Galeshewe di ungwetswe mo porejekeng eno. Re le basha ba ka nna thataro ka palo, re ile ra netefatsa fa seno se diragala,” Morweng wa tlhalosa.

Morweng o kaile fa seno e se kitla e nna selo se se fetang, gonne ba tlhaloganya gore botlhoki bo iphile maatla gape ngwana ele sejo a tlhakanenlwa. O kaile gape fa ba dumalane ka bongwe jwa pelo fela gore ba tlile go neelana ka ditlhako go baithuti ba ba farologaneng ngwaga le ngwaga.

“Tota maitlhomo le maikaelelo a porojeke e, ke go bona seno se diragala go ralala Taung ka bophara. O ka lemoga gore bontsi jwa malapa mo Taung a tshelela mo khumanegong, mme ba ikaegile thata ka madi a kotlo.

“Go na le tlhokego e kgolo mo go thuseng baithuti, mme ga jaana re leka ka thata go ka tswala mokhino ono. Ke rata go rotlwetsa basha ba le bantsi go ka tsamaya mo dikgatong tsa mogaka, eleng mo presidente wa maloba o hulereng, Dr Nelson Rolihlahla Mandela. Re a itse gore rre Mandela e ne ele motho o o neng a rata go ka abela batho, mme segolo thata jang bana,” Morweng wa tlhalosa.

O ikuetse gape go basha gore ba dirise ditshono tse ba di bonang mo botshelo jwa bone sentle, mme ba tlise tharabololo mo mathateng a fara-fereng seshaba ka kakaretso. Morweng are basha ba lebagane le namane e tona ya tiro go ka lwantsha botlhoka-tiro, diritibatsi ga mmogo le go ima ka bonako ga bana ba basetsanyana.

“Ke rata go rotlwetsa basha gore ba eme ka dinao le go bontsha kemo-nokeng, mme ba tlogele go tlhola ba goga-gogana. Jaaka re le basha ba Taung, a re tlise diphetogo mo matshelong a rona. Bagaka ba ba fetileng jaaka Tsietsi Mashinini, Onkgopotse Tiro ga mmogo le Hector Peterson ba lwetse kgololosego, mme go ne go se bonolo.

“Jaanong, jaaka re keteka kgwedi ya mogaka, a re tlise ditlhabologo tse di maleba go matshelo a basha ba ba farologaneng,” Morweng wa tlhalosa.

Kgabagare, bagokgo mo dikolong tse di ungwetsweng ba amogetse ka boitumelo kabelo ya ditlhako, mme ba rotlweditse basha ba bangwe go ka tsenya letsogo.

taungdailynews@gmail.com

One thought on “Baithuti ba kwa Magogong ba abelwa ditlhako!

  1. We thank and appreciate our youth for helping by donating school shoes to those in need of, May our Almighty GOD increase and bless them.

    Like

Leave a reply to Clifford mompati Cancel reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.