Baagi ba ba dikobo dikhutswane ba abelwa dimpho


BAKANG MOKOTO

Matsatsi a Keresemose a fitlhile pele ga nako go baagi bangwe ba ba dikobo di magetleng kwa motsaneng wa Matlhako 2 gaufi le Pudimoe. Seno se tla morago ga go abelwa ga dilwana jaaka dijo le tse dingwe ke bo rrakgwebo ba mo motse-setoropong wa Pudimoe mono Taung.

Letsema leno la go ka abelana dimpho, le ne le rulagantswe ke sepodisi sa Pudimoe, mme ba mema beng ba dikgwebo jaaka ba The Kroll Chisanyama and Carwash go tswa gone mo Pudimoe ga mmogo le beng ba ba tsamaisang ditikwa-tikwe tsa marekelo.    

Mong wa The Kroll Chisanyama and Carwash, Lesego Nakana are o mo tlotlo go bo a nnile karolo ya thulaganyo eno. Nakana gape o rotlweditse beng ba dikgwebo mono Pudimoe go ka tsaya karolo mo go abeleng baagi ba ba dikobo dikhutshwane.   

“Re le bo rrakgwebo mono Pudimoe, re bone go le botlhokwa go ka nna karolo ya gompieno gonne re itemogetse fa malapa a le mantsi a leba kwa matsatsing a keresemose le ngwaga o motsha ba sena letseno.

“Re bone pegelo go tswa go ditheo dile pedi eleng sa sepodisi ga mmogo le sa Community Policing Forum (CPF). Ba ile ba kopa gore re neelane ka dimpho go malapa a  sa itsholelang le fa e se dimpho tsa sepe, mme lemme ga le bolaye,” Nakana wa tlhalosa.

O kaile fa seo se tla thusa gore le beng ba malapa a sa itsholelang ekere fa go tsenwa mo matsatsing a khunologo le bone ba kgone go ka itumela ga mmogo le baagi. Nakana o tsweletse ka gore go botlhokwa gore re ba thuse, mme ese gore ba itsholetse.

“Ke fela gore re ile ra nna le lesego leo go tswa mo Modimong. Jaanong,  fela jaaka Motswana a buile are sejo sennye ga se fete molomo. Re bone go le botlhokwa go ka kgaoganyang tlhogo ya tsie,” Nakana wa tlhalosa.

Kgabagare, mongwe wa lebentlele wa motswa-kwa, Hemod Gebreeegz Jabher o a itsagaleng ka leina la Sipho are le ene o itumeletse go ka nna karolo ya go abelana. Sipho are o makgetlho-kgetlho a tsaya karolo mo letsemeng la go ka thusa baagi ba ba dikobo dikhutshwane ebile ga a boele morago.

“Le nna ke itumeletse go nna karolo ya kopano e go nne Modimo a re letsogo le le fang, le tshegofaditswe go gaisa. Ke lobaka le le telele ke ntse ke thusa baagi ba ba dikobo magetleng, mme ke tlile go tswelela go dira jalo.

“Re file baagi dilwana jaaka dijo, mme re tshepa fa di tla tlisa pharologanyo mo matshelong a bone thata-thata ka matsatsi ano a khunologo. Re ikuela go borra dikgwebo ba bangwe go ka nna karolo ya bontle jo gonne, motho ga iphetse e se naga,” Sipho wa tlhalosa.  

Bangwe ba ba ungwelwa jaaka Boipelo Thakadu go tswa kwa motseng wa Mmatlhako 2 o kaile jaana.

“Dimpho tse di tlile go re tswela mosola gonne kena le bana ba le bararo, mme ga ke dire. Se se dirilweng ke borra-dikgwebo bano se bontsha botho, ebile ka Setswana gatwe ngwana ke sejo wa tlhakanelwa.

“Jaanong ke ikuela go baagi botlhe kgotsa bo rradikgwebo ba bangwe go ka tsaya karolo, mme ba tswelele go re thusa jalo. Re tshepa fa Modimo a tla ba tshegofaletsa go ya kwa pele,” Thakadu wa tlhalosa.  

Refilwe Segole le ene o ne a amogela dimpho.

taungdailynews@gmail.com

One thought on “Baagi ba ba dikobo dikhutswane ba abelwa dimpho

Leave a reply to Clifford Mompati Cancel reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.