
Ka OBAKENG MAJE
21 Ngwanatsele 2025- Setopo sa ga Kaome Aldriaan Moitlhabi (37), yo go begwa fa a timetse se bonwe. Go begwa fa Moitlhabi a ne a amega mo kotsing ya sejanaga kwa Mogwase, gaufi le Rustenburg.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adéle Myburgh are sejanaga sa modiro wa Toyota Bakkie se go begwang fa le sone se ne sa timela, se bonwe. Myburgh are sepodisi se butse kgetsi ya polao ntle le maikaelelo.
“Sepodisi se itumelela tirisano mmogo e se e boneng go baagi. O tla gopola gore sepodisi sa kwa Swartruggens se ile sa kopa baagi go ka ba thusa go batlana le Moitlhabi fa kgwedi ya Lwetse ene e tlhola matsasti a le 18.
“Go ne ga begwa fa Moitlhabi yo o neng a dula kwa motseng wa Tshidilamolomo, kwa ntlenyana ga Mahikeng, o ne a bonwa la bofelo ke modiri jaaka kwa polasing e ba dirang kwa go yone kwa Swartruggens fa kgwedi ya Phokwi e ne tlhola matsatsi a le 25 ka ura ya bosupa maitsiboa.
“Go begwa fa Moitlhabi a ile a tsaya sejanaga sa mothapi wa gagwe sa modiro wa Toyota se se pududu ka mala, mme a tsamaya ntle le go itsise ope gore o ya kae,” Myburgh wa tlhalosa.
Myburgh are ba lelapa la gagwe le bone ba ne ba sa itse kwa a ileng teng. Myburgh are go ile ga bolodiwa letsholo-patlo, fela ga gwa nna le nko e tswa lamina pele ga setopo sag a Moitlhabi se ka bonwa.