Monna o latofadiwang ka go teketa mmagwe o boela kgotlhatshekelo

Setshwantsho: Monna o latofadiwang ka go teketa mmagwe, Mphumelelo Thobela

Ka OBAKENG MAJE

Monna wa kwa motseng wa Matolong gaufi le Taung, yo a latofadiwang ka go teketa mmagwe, o reboletswe beile ya R500 ke kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Ka di 2 Motsheganong 2024, go begwa fa Mpumelelo Thobela (41) a ile a goroga kwa gagabo, mme a fitlha a kopa mmagwe (73) madi a gwa go reka nnotagi. Fela, go begwa fa mosadimogolo a ne a itoka fa a sena le peni.

Go begwa fa seo se ile sa shakgatsa Thobela. Go ya ka dipego, Thobela one a mo tlhasela le go mo goga-goga mo mmileng. Go begwa fa mosadimogolo a ne a kuwa mokgosi. Go begwa fa baagisani ba ne ba utlwa selelo seo sa ga Ragele, mme ba mo tlhaga thuso, le go mo namola mo diatleng tsa ga Thobela.

Go ya ka sebueledi sa sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Col Adele Myburgh, Thobela gape o latofadiwa ka go tlola molao-peelo wa Protection Order under Domestic Violence Act, 1998 (Act No 116 of 1998).

Thobela o ile a tlhagelela lekgetlho la ntlha kwa kgotlhatshekelo ka Mosupulogo, mme kgetsi ya gagwe ya shutisediwa mo letsatsing la gompieno. Kgetsi ya ga Thobela e buseditswe morago go fitlha di 3 Seetebosigo 2024, mme ene o tla nama a letile kwa ntle. 

Kgabagare, mogokaganyi wa sedika wa Women Mobilisation Committee go tswa kwa lekoko la sepolotiki la Economic Freedom Fighters (EFF), Masego Lepedi are: “Jaaka re le bomme, mme re ikarabela ka ntwa kgatlhanong le tshotlakako ya bong, re kgala thata tiragalo e e diragetseng. Ditiragalo tsa tshotlakako ya basadi le bana di dintsi, fela boammaruri ke gore setsosa sa kgang ke botlhoka-tiro mo nageng. Ke ka moo rona jaaka EFF re ikuela gore go tlhamiwe ditiro.

“Botlhoka-tiro ke seemo se se boima, mme se tlhoka go ka tsibogelwa ka nako. Re kgala thata tiragalo e, mme re ikuela gore molao o tseye karolo. Go tlaleletsa mo go seo, rena le Rehabilitation Centre mo Taung e e sa direng. Maloko a rona a EFF ba eleng barongwa-pusong, ba ile ba tsaya matsapa le go ya go lekola seemo sa Rehabilitation Centre eo, mme ba fitlhela fa e sa dire.”

Lepedi are jaanong go sa dire ga Rehabilitation Centre go ama matshelo a baagi. Are ba dumela gore fa Rehabilitation Centre ene e dira, ba tla bo ba bona phapang.

“Dikgwetlho tsa bana ba ba shotlhang batsadi ba bone di teng, mme fela ba kabe ba ya go ikgopolola kwa go yone. Bontsi jwa bone ba dirisa diritibatsi le nnotagi botlhatshwa ka ntlheng ya seemo sa khumanego se ba tshelelang mo go sone.

“Seemo se re tshelelang mo go sone, ke sa khumanego mme se tlhotlheletsa dilo tsotlhe tse di maswe tse di diragalang. Bagaetsho, puso ya rona ere paletse, mme re tshelela mo lehumeng le mo tshotlakako,” Lepedi wa tlhalosa.

Are ga gona sepe se se botokwa se ba tla se shupang se sentle se se dirilweng ke puso e mo tlase ga lekoko la ANC.    

taungdailynews@gmail.com

Monna o a latofadiwang ka go teketa mmagwe o neetswe beile

Ka OBAKENG MAJE 

Monna wa kwa motseng wa Matolong gaufi le Taung, yo a latofadiwang ka go teketa mmagwe, o reboletswe beile ya R500 ke kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. 

Ka di 2 Motsheganong 2024, go begwa fa Mpumelelo Thobela (41) a ile a goroga kwa gagabo, mme a fitlha a kopa mmagwe (73) madi a gwa go reka nnotagi. Fela, go begwa fa mosadimogolo a ne a itoka fa a sena le peni. 