
Ka OBAKENG MAJE
3 Diphalane 2025- Lephata la sepodisi se se batlisisang dikgetsi tsa bonwenwe kwa porofenseng ya Kapa Bokone, le tshwere motlhankela wa sepodisi, Constable Nicolas Motlhankane (28), yo a dirang kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung ka Labobedi. Se, se tla morago ga gore Motlhankane, a latofadiwe ka bogodu kwa Pampierstad.
Go begwa fa ka di 31 Phatwe 2023, Motlhankane, yo oneng a tsenetse thupelelong (training) kwa seteisheneng sa sepodisi sa Kgomotso, a ile a tsaya sejanaga sa sepodisi, mme a leba kwa Pampierstad. Go begwa fa Motlhakane a ile a tsena kwa ntlung e rekisang nnotagi ya batswa-kwa ba kwa nageng ya China, mme a ba kaela fa a tlile go puruputsha.
Go begwa fa Motlhankane, a ile a utswa bojalwa teng kwa ntlung eo ya nnotagi.
Sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Sergeant Molefi Shemane are Motlhankane one a tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Pampierstad ka Labobedi, mabapi le ditatofatso tsa bogodu. Shemane are kgetsi kgatlhanong le Motlhankane, e ile ya busediwa kwa morago go fitlha di 22 Diphalane 2025.
“Molatofadiwa o ile a neelwa beile ya R500, fa kgetsi e ile ya sitlhamolusediwa kwa kgotlhatsekelo ya sedika ya Hartswater,” Shemane wa tlhalosa.