
Ka OBAKENG MAJE
29 Ferikgong 2025- Kemedi ya baagi go tswa kwa metseng e farologaneng kwa karolong ya Batlhaping Baga-Mothibi, ya re e solofela fa kopo ya bone e tla diragadiwa. Kemedi go tswa kwa metseng e faorolaganeng jaaka Madipelesa, Shaleng, Gataote le Rietfontein, ene e tsenetse kopano le mokhuduthamaga wa Lefapha la Ditirelo Tsa Setshaba, Elizabeth Mokua mo letsatsing la Moshupologo.
Kopano eo, ene ele mabapi le ditsela tse di sa tsamaegeng kwa metseng ya bone.
Mongwe wa maloko a kemedi eo, Roger Mongale are ke nnete ba ne ba tsenetse kopano, mme ba solofela fa Mokua a tla amogela boikuelo jwa bone ka nako. Mongale are ba na le nako e telele thata ba ikuela go puso gore e ba agele ditsela tse di tsamaegang, mem ga go nko e tswa lemina.
“Bothata jo re bo itemogelang ke tsela e e sa tsamegeng go tswa mo motseng wa rona wa Shaleng go ya Kgomotso. Tsela engwe ke e golaganyang motse wa rona le tsela e e yang Kimberley kwa Northern Cape.
“Rona re kemedi e emetseng metse e farologang jaaka Shaleng, Losasaneng, Rietfontein, Gataote, le Madipelesa. Kgang ya tlhokego ya ditsela key a bogologolo thata. Ga e sale re bua ka yone ka nako ya puso ya Bophuthatswana,” Mongale wa tlhalosa.
Mongale are ba dumalane le Mokua gore, o tlile go kopana le tlhogo ya lefapha, mme o tla boela mo go bone ka dikarabo tse di maleba mo bekeng e e tlang. Mongale are gape ba kopile Lefapha go ba golaganya le puso ya Northern Cape, gonne go na le tsela e e tswang mo motseng wa bona, mme e feta kwa Boetsap, e lebe kwa Barkley West.
Kgabagare, majoro wa nama-o-sa-tshwere kwa masepala o mogolwane wa Taung, Itumeleng Maribe are: “Ke nnete re ne re tsenetse kopano le kemedi eo, ga mmogo le Mokua mabapi le ditsela tse baagi ba ikuelang ka tsone. Baagi ba tlhalositse fa ditsela tsa bone di sa tsamaege, mme ba ne ba ikuela go lefapha le le maleba go ka ba tlhaga thuso.
“Kopano ya rona e nnile le maungo, mme ke nnete gore go na le ditsela tse di sa tsamaegeng kwa metseng eo. Re ile ra kopa gape lefapha gore le netefatse fa le tlhokomela ditsela tse di farologaneng, gonne ga di tsamaege.”
Maribe are ba tlhaloganya gore go nnile le go fokodiwa ga tekanyetse-kabo ya lefapha, fela Mokua o ba tshepisitse gore o sentse a ile go kopana le tlhogo ya lefapha, mme o tla boela go bone ka dikarabo. Maribe are Mokua o tlhalositse fa ba tlile go dira tsheka-tsheko ya ditsela tseo, mme ba tle ka ntlhakemo ya bone.
“Gona le ditsela tse eleng gore kago ya tsone e ka diriwa ga mmogo le masepala wa rona. Jaanong se se tlhokegang ke gore lefapha le ye go dira tshekotsheko ya ditsela tseo, mme go itsiwe gore di ka jela puso bokae.
“Ke paki gore ditsela tseo ga di tsamaege, mme go setse go na le baagi ba ba latlhegetsweng ke botshelo ka ntlha ya ditsela tse di sa tsamaegeng tseo,” Maribe wa tlhalosa.