Banna ba le babedi ba tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mabapi le polao ya rra ditekesi le modisa wa gagwe


Ka OBAKENG MAJE

15 Sedimonthole 2025- Banna ba le babedi ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le polao ya rra ditekesi, Mpho Monchonyane ga mmogo le modisa wa gagwe. Go begwa fa monna wa dingwaga di le 59, wa kwa motseng wa Modimong, gaufi le Taung, ele morulaganyi wa polao ya baswi.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o tlhalosistse fa banna ba, ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno mabapi le polao.

Mokgatlho wa ditekesi mono Taung wa Greater Taung United Taxi Association (GTUTA) o tlhalositse fa loso la ga Monchonyane le ba tlogetse ba iphotlhere. Go begwa fa Monchonyane ga mmogo le modisa wa gagwe ba ile a thuntsiwa ke batho ba ba sa itsiweng kwa morakeng wa gagwe kwa motseng wa Letlhapong.

Go begwa fa ditopo tsa banna ba, di bonwe mo letsatsing la Tshipi mo mosong, mme di na le dintho tsa go thuntsiwa.

Sebueledi sa mokgatlho wa GTUTA, Oarabeng Plaatjie are loso la ga Monchonyane le ba robile dipelo. Plaatjie are ga ba kgone le go amogela loso la modiri ka bone, mme ba ipotsa gore go rileng.

“Go fitlha ga jaana, ga se re itse gore sebakwa sa gore Monchonyane a thuntsiwe le go bolawa ke eng. Ke fela gore ka boripa, re dula ka letshogo mme re ipotsa gore go latela mang fa ele gore dipalo tse di ka tswa di golaganngwa le ditekesi, fela ga re dumele.

“Ga re dumela thata gore dipolao tse di ka tswa di golaganngwa le ditekesi. Monchonyane ene le motho o boikobo, mme re dira le ene sentle. One a dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho ebile a reetsa. Ene e se motho o neng a na le dilo tse dintsitsi, mme a le bonolo. Monchonyane ene ele modulasetilo wa tsela ya Randfontein ga mmogo le Klerksdorp,” Plaatjie.   

taungdailynews@gmail.com

Mosadi wa kwa Rooiwal o tshwerwe poo ke mapodisi a eseng a nnete


Ka OBAKENG MAJE

1 Diphalane 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go thopa ka dikgoka le go tshwarwa poo ka sethunya. Se, se tla morago ga gore mosadi wa dingwaga di le 49, a kgorogelwe ke banna ba le babedi ba ba sa itsiweng ka Mosupulogo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, are motswasetlhabelo, Puseletso Sylvia Tapa (49) wa kwa motseng wa Rooiwal, gaufi le Taung, one a tsamaya mo mmileng fa a ne a kgorogelwa ke sejanaga se se neng se na le banna ba le babedi mo teng. Van Rooyen are banna ba, ba ile ba mo laela fa e le batlhankela ba sepodisi, mme ba shupa fa ba batlisisa kgetsi nngwe ya go tshwara poo.

“Banna ba, ba ile ba laela Tapa fa ele mmelaelwa mo kgetsing eo, mme ba mo pateletsa go tsena mo sejanageng. Go begwa fa ba ile ba leba le ene kwa tikwatikweng ya marekelo ya Taung, kwa ba ileng ba fitlha ba mo shupa ka sethunya le go mo tseela karata ya banka.

“Go begwa fa ba ile ba ya go goga madi a sa itsiweng kwa bankeng ya motswa-setlhabelo, pele ga ba ka go mo latlhela kwa nageng kwa Extension 6. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

A man found dead in Lokgabeng


By OBAKENG MAJE

7 May 2025- A man (55) was allegedly found dead in the house at Lokgabeng village, near Taung on Monday. According to the North West police spokesperson in Dr Ruth Segomotsi Mompati District, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, the deceased was found by family members in the house.

Van Rooyen said the cause of death was declared as natural.

“We are aware of the matter and no foul play is suspected,” she said.

taungdailynews@gmail.com

Morutabana o tlhokafetse kwa Extension 7


Ka OBAKENG MAJE

27 Ferikgong 2025- Morutabana wa kwa sekolong sa kwa motse-setoropong wa Pudimoe, o tlhokafetse morago ga go wa. Go begwa fa morutabana o tswang kwa porofenseng ya Kwazulu-Natal, a ne a dula le mokapelo wa gagwe wa lepodisi kwa phaphosing ya phiro kwa Extension 7, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, morutabana o, o tlile ana le ntho ya go thuntsiwa mo leotong go tswa kwa gagabo kwa Kwazulu-Natal morago ga matsatsi a boikhutso. Van Rooyen are, go begwa fa tiragalo eo, e sa begwa kwa sepodiseng.

“Go begwa fa ntho eo, ene e sa neye morutabana o bothata le eseng. Fela ka di 25 Ferikgong 2025, go begwa fa ntho eo, ene ya tshimolola go dutla madi. Go begwa fa monna o, a ne a tswela kwa ntle, mme one a wa.

“Ba thuso ya potlako ba ile ba bidiwa, fela ba ne ba netefatsa fa moswi a setse balelelwa le badimo. Kgetsi ya morago ga loso ene ya bulwa, mme ga gona dipelaelo dipe mo losong la monna o,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Mong wa lebenkele o kgothusitswe kwa motseng wa Mocweding


Ka OBAKENG MAJE

27 Ferikgong 2025- Monna wa motswakwa o nang le lebenkele kwa motseng wa Mocweding, gaufi le Taung, o tlhasetswe le go kgothusiwa madi a seatleng ke banna bangwe ba le bararo ba ba sa itsiweng. Go begwa fa motswakwa o, a ne kgorogelwa ke banna ba baneng ba tshwere dithunya ka Lamatlhatso bosigo, mme ba mo kgothosa.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, banna ba, ba ne ba kgothosa monna o madi, dilwana ga mmogo le mogala wa gagwe wa letheka.

“Banna ba, ba ile ba digela mong o wa lebenkele dingalo, le go mo tlogela a phokga-phokga madi. O ile a iponela dikgobalo mo tlhogong, ga mmogo le mo mmileng.

“Monna o, o ile a tabogisetswa kwa kliniking ya selegae go ya go bona kalafi. Go fitlha ga jaana, ga go ope o tshwerweng, mme kgetsi ya go tshwara kgwebo poo e butswe,” van Rooyene wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Mosimanyana o ikgwageditse kwa Mokassa 1


Ka OBAKENG MAJE

27 Ferikgong 2025- Mosimanyana wa dingwaga di le 16, go begwa fa a ikgwageditse mo letsatsing la Lamatlhatso ka phirimana kwa motseng wa Mokassa 1, gaufi le Taung. Go begwa fa mosimanyana o, a ne a lotlegela ba lelapa la gagwe gore o leba kwa lebenkeleng, fela ga boela gae.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, are setopo sa mosimanyana o, se bonwe letsatsi le le latelang la Tshipi se ikgwageditse.

“Re ka netefatsa fa sepodisi sa Taung se butse kgetsi ya morago ga loso. Jaaka sepodisi, ga re belaele fa go ka tswa go nnile le letsogo la tshwene mo losong la mosimanyana o,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Mosadi o neng a leka go bolaya bana ba gagwe ka go ba latlhela kwa nokeng ya Vaal o tlhokafetse


Ka OBAKENG MAJE

20 Ferikgong 2025- Baagi ba motsesetoropo wa Utlwanang, gaufi le Christiana, ba re ba setse ba gamaregile morago ga tiragalo ya maabane. Se se tla morago ga dipego tsa gore mosadi mongwe o ipolaile ka go itatlhela kwa nokeng ya Vaal.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, go begwa fa mosadi yo, a ile a latlhela ngwana wa gagwe wa dingwga di le 2, mo nokeng ka maiteko a go mo bolaya. Fela, Van Rooyen are, lesea leo le ne la pholosiwa ke banna ba ba neng ba tshwara ditlhapi ka mokoro wa bone ka nako eo.  

“Go begwa fa mosadi yo, a ne a leka go tlhatlhela ngwana wa bobedi. Fela ngwana o, o ile a le botsa phokoje. Mosadi o, one a itatlhela mo nokeng, mme ka maswabi o ile a latlhegelwa ke botshelo.

“Banna bao, ba ile ba letsetsa sepodisi. Kgetsi ya morago ga loso e butswe, mme dipatlisiso ditsweletse,” Van Rooyen wa tlhalosa.  

taungdailynews@gmail.com

Babelaelwa ba bogodu jwa leruo kwa Tlapeng ba digetswe dingalo


Ka OBAKENG MAJE

21 Diphalane  2024- Banna ba le banne ba kwa kgaolong ya Monotomosetlha kwa Tlapeng, go begwa ba amogetswe kwa Taung District Hospital ka dikgobalo tse di masisi. Go begwa fa ka Lamatlhatso, baagi ba ile ba tswa letsholo le go batlana le banna ba, morago ga go ba latofatsa ka go utswa leruo la bone.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, baagi ba ile ba tshwara banna ba ka dipudi tsa bogodu, mme ba ba digela dingalo.  

Van Rooyen are, dipudi tseo, di ile tsa neelwa beng ba tsone ba semolao.

“Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng. Re ikuela go baagi go se itseele molao mo matsogo, gonne go kotsi go dira jalo. Se baagi ba tshwanetswe ke go se dira, ke go letsetsa sepodisi,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, tsa sesheng tse di sa totobadiwang di tlhalosa fa mongwe wa ba belaelwa a gorile kika.

taungdailynews@gmail.com

Lekgarebe la kwa Maphoitsile le tlhagelela kwa Kgotlhatshekelo mabapi le ditatofatso tsa go bolaya mokapelo wa lone


Setshwantsho: Sepodisi se dira dipatlisiso tsa polao kwa tarveneng kwa motsesetoropong wa Orkney/Setshwantsho-papiso

Ka OBAKENG MAJE

Lekgarebe la dingwaga di le 40, lwa kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung, le solofetswe go tlhagelela fa pele ga Kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Se se tla morago ga gore lekgarebe le, le latofadiwe ka go bolaya mokapelo walone.  

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, tiragalo e, e diragetse kwa di RDP Section, kwa Maphoitsile ka di 29 Phatwe 2024.

“Go begwa fa baratani ba, ba ne ba tswa kwa ntlung e rekisang bojalwa go ya go ijesa monate. Fela ene ya re fa ba fitlha kwa ntlung, go ne ga tsoga kgakgauthano ya mafoko.

“Go begwa fa molatofadiwa a ile a tlhaba moswi ka thipa mo sehubeng. Molatofadiwa o ile a amogelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, mme one a ntshiwa ka Mosupulogo le go isiwa kwa ntlo-lefitshwana,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Dipatlisiso ditsweletse morago ga go thubiwa ga kereke ya UCCSA


Ka OBAKENG MAJE 

Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa ele nnete kerekeng ya UCCSA mono Taung e thubilwe, ebile go utswitswe dilwana. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, mongwe wa baeteledipele ba kereke o tlhalositse fa a itsisitswe ke mongwe wa baagi gore kereke ya bone e thubilwe. 

“O tlhalositse fa a ne a sianela kwa kerekeng, mme a fitlhela kgoro ya kereke e robilwe. Ene ya re fa a lekola dilo tsa kereke, one a fitlhela fa go utswitswe thapo ya motlakase. 

“Go fitlha ga jaana, kgetsi ya go thubela mo tulong ya kgwebo (business burglary) e butswe. Fela, ga gona ope o tshwerweng. Dipatlisiso mo kgetsing e, ditsweletse,” Van Rooyen wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Setshwantshwo: Kgoro ya kereke ya UCCSA e robilwe