
Ka OBAKENG MAJE
7 Moranang 2025- Banna ba ba latofadiwang ka go bolaya motlhankela wa sepodisi, Constable Gaerutwe Eric Tekolo (41), wa kwa seteisheng sa sepodisi sa Bray, ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa mo letsatsing la gompieno. Go begwa fa Tekolo a ile a tlhaselwa le go tlhabiwa ka thipa ke banna ba, kwa Phohung Section, kwa Ganyesa.
Go begwa fa seteishene sa Ganyesa, se ile sa amogela mogala o tlhalosang fa Tekolo a rapaletse kwa mmileng ka ditho tsa go tlhabiwa, mme a na le dikgobalo go utlwala. Go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ile ba mo tabogisetsa kwa kliniking ya selegae go ya go bona thuso ya potlako.
Go begwa fa sepodisi se ile sa itelekela kwa kliniking, fela ba fitlhela maloba ele maabane, gonne Tekolo one a setse a balelelwa le baswi.
Go ya ka mogoloe moswi, Pesaloma Tekolo, Eric one a mo letsetsa ka ura ya bo supa maitsiboa, mme a mo tlhalosetsa gore o lebile kwa ntlung ya ga ausi wa gagwe. Pesaloma o tlhalositse fa morwarragwe eleng Eric, a ne a mo kopa gore a tle go mo tsaya, mme ba lebe kwa lapeng kwa motseng wa Madinonyane.
Go begwa fa Pesaloma a ne a tla a lebile kwa ntlung ya ausi wa gagwe, one a bona motho a dutse mo mmileng. Go begwa fa a ne a atimela, mme a lemoga gore motho oo ke Eric.
Go begwa fa moswi a ne a gobetse mo mokwatleng, ga mmogo le mo seropeng, fela a sentse a tshela. Go begwa fa moswi a ne a lotlegela mogoloe gore o tlhasetswe ke banna ba le babedi ba sa itsiweng.
Moswi o ile a tlhalosa fa banna bao, ba ile ba mo tseela mogala wa letheka le sepatshe sa madi, mme ba lebotsa phokoje. Go begwa fa moswi a ile a rwalelwa kwa kliniking go bona thuso. Fela moswi o ile a tlhokafala, mme a isiwa kwa mmoshareng wa puso go tswa kwa kliniking.
Kgabagare, mokwaledi wa South African Policing Union mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Tlou Mpheroane are ba kgala ka bogale tiragalo e. Mpheroane are go bolawa ga batlhankela wa sepodisi ke ntwa kgatlhanong molao.
“Batlhankela ba sepodisi ke bone ba ba lwantshang bosenyi le go tlisa kagiso mo setshabeng. Jannong, botlhe ba ba kgatlhanong le seo, ebile ba bolaya batlhankela bao, ba nyatsa melao le melawana ya Afrika Borwa.
“Jaaka SAPU, re tla be re bolodutse mogwanto kwa ntle ga kgotlhatshekelo ya Ganyesa fa balatofadiwa mo kgetsing e, ba tla be ba dira kopo ya beile. Re kgatlhanong le gore balatofadiwa ba neelwe beile,” Mpheroane wa tlhalosa.
Mpheroane are ba sentse ba ikuela go puso go ka dira kitsiso ya gore botlhe ba ba bolayang batlhankela ba sepodisi ba lebane le tatofatso ya bomenola puso. Mpheroane are batho botlhe ba ba bolayang batlhankela ba sepodisi, ba koafatsa tshireletso ya setshaba.