Lekau le tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo mabapi le polao ya lekgarebe la gagwe


Ka OBAKENG MAJE

28 Tlhakole 2025- Monna wa dingwaga di le 50, wa kwa motsesetoropong wa Utlwanang, gaufi le Christina, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelong ya Christiana mabapi le polao. Se se tla morago ga go bonwa ga setopo sa mosadi (47) kwa matlakaleng, gaufi le lebala la metshameko la kwa Chrisitiana.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, setopo sa ga Elizabeth Tukula, se bonwe ke bana fa bane ba tshameka. Van Rooyen are lekau la ga Tukula, le ile la tshwarwa, mme le tlile go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo mo letsatsing la gompieno.

“Setopo sa ga Tukula se bonwe ka Labobedi, fela mokola ene o tshwerwe ka Laboraro. Dipatlisiso di supa fa moswi a kgwageditswe ka terata,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com