Monna wa kwa Mokassa 2 o nyeletse


Ka OBAKENG MAJE

7 Phukwi 2025- Monna wa dingwaga di le 19, wa kwa motseng wa Mokassa 2, gaufi le Taung o nyeletse. Go begwa fa Paballo Chapman a ile a nyelela fa kgwedi ya Phukwi ene e tlhola matsatsi a le 4.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa va Rooyen are Chapman one a apere tracksuit ya mmala wa botala jwa legodimo le bosweu, di tekkie tse dintsho tsa Addidas le tlhoro e pududu.

“Ga re belaele fa go ka tswa go na le botsukunape mo kgannyeng e. Re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le kitso ka go nyelela ga monna o, a ka letsetsa sepodisi go ka neelana ka pegelo,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Mokassa 2 o timetse  


Ka OBAKENG MAJE

14 Motsheganong 2025- Sepodisi sa Taung se ikuela go baagi go ba thusa go batlana le monna o go begwang fa a timetse, eleng Thuto Tlhotlhomisang (26), wa kwa motseng wa Mokassa 2, gaufi le Taung. Go begwa fa Tlhotlhomisang a timetse dibeke tse pedi tse di fetileng.

Go ya ka dipego, mme mmagwe Tlhotlhomisang, one a tlogela Thuto mo ntlung fa a leba kwa kerekeng, fela one a mo fitlhela a seo mo go boweng ga gagwe.

Mogoloe Thuto, Tsholofelo Tlhotlhomisang are ba ikuela go botlhe go ka ba thusa go batlana le monnawe.

taungdailynews@gmail.com