Baagi ba amogela Molaotlhomo wa Kgaoganyo ya Lotseno wa 2018


Baagi Ba Amogela Molaotlhomo

By BAKANG MOKOTO

Kgotlhatheomolao ya Bokone Bophirima e ne e etetse baagi ba Vryburg ko sedikeng sa Dr Ruth Mompati go ka utlwa ditshitsinyo tsa bone ka Molaotlhomo wa Kgooganyo ya Lotseno was 2018. Modula Setilo wa komiti e lebeletseng Lefapha la Matlole (North West Finance, Enterprise, Economy Development department) le Kantoro ya ga Tonakgolo (North West Office of the Premier), Motlotlegi Wendy Matsemela are go botlhokwa gore batho ba itse gore go diragalang ka madi a setshaba.

Matsemela wa tlhalosa: “Ga ra tla ka kwano ka ditokomane tse dintsha, mme se ke tlaleletso ya kitsiso. Thulaganyo e ya Molao-Kakangwa e tshimolotse mo ngwageng o o fetileng ka kgwedi ya Phukwi. Re ne re etetse di dika tsotlhe tsa porofense di le nne mo ngwageng o o fetileng ka Diphalane.

“Re ne re tlile go ka kopana le baagi ka tokafatso ya Kgaoganyo Ya Letseno (Budget Adjustment). Tokafatso ya Letseno e ne ya tlhagisiwa ke mokhuduthamaga wa matlotlo, mme Wendy Nelson ko Kgotlhatheo Molao ya Bokone Bophirima ka Tlhakole ngwaga o o fetileng. Morago ga metsele-tsele ya go kopana le baagi, ditletlebo tsa bone di ne tsa fetisetswa kwa pele go ka sekasekiwa. Ditsitsinyo tsa bona di ne tsa sekasekiwa ke foramo ya Matlotlo (Budget Forum/ Budget Council).

“Tona ya Matlotlo ga mmogo le ba ba mo potapotileng ba ne ba tsaya tshwetso go ya ka ditlhokego tsa bona tsa matlole. Seo re se bone fa gone go tshwerwe Kitsiso Ya Matlotlo (Budget Speech) ko palamenteng ka Tlhakole mono ngwaga. Jaanong re ikuela go baagi go ka nna kelotlhoko mme ba shomarela ditokomane tseo go fitlha ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Re tlile go etela baagi gape ka Lwetse mono ngwaga ka yone ntlha e.”

Matsemela o tlhalositse fa jaanong ba tlile mo baaging go go ka tla go utlwa maikutlo a bona ka  2018 Maotlhomo wa Kgaoganyo ya Lotseno (2018 Division of Revenue Bill). O tlhalositse fa Molaokakanngwa o, o tlile go ka nna molao ka Seetebosigo mono ngwaga gonne ka kgwedi ya Phukwi, go tla bo go simololwa ka matlole a masha.

“Ke tlile go kopa gore re nne pudi matseba ka sengwe le sengwe se se diragalang mo nageng ya rona, gonne se ama matshelo a rona. Porofense ya rona e neelwa letlole la madi a kana ka R39 billion. Jaanong go botlhokwa gore le re thuse go mametlela molao o, gonne o thusa bana ba dikolo le baagi ka kakaretso,” Matsemela wa tlhalosa.

Motlatsa-mokaedi (Deputy Director) go tswa kwa Lefapheng La Matlotlo mo porofenseng (Provincial Treasury), Theo Gaoagwe are: “Gona le di thulaganyo tse di tsewang pele ga gore molaokakangwe e nne molao. Matlole a mono ngwaga (2018/19 Financial Year) a bosetshaba, a lekanyeditswe go R1.5 trillion. Mme madi a kanang ka R628 billion go tswa go R1.5 trillion, a neetswe mafapha a farologaneng a bosetshaba.

“Madi a kanang ka R571billion  a neetswe mafapha a farologabeng a diporofense. Lefapha la Merero ya Selegae le Matlo (Local Government & Human Settlement department) le neetswe madi a kanang ka R180billion. Puso ya rona e na le sekoloto se se kanang ka R2 trillion morago ga go adima madi go tswa go mmaraka wa bo ditshabatshaba (International market). Puso ya rona e neelana ka madi a kanang ka R180 billion go ka samagana le sekoloto seo.”

Gaoagwe o tlhalositse fa moruo (economy) ya Afrika Borwa e ntse e sa dire sentle mo dingwageng tse pedi tse di fetileng fa o e bapantsha le ya lefatshe ka bophara. A re moruo wa Afrika Borwa one o ntse o sa gole sentle, mme seo sa pateletsa Lefapha la SARS go se bone madi a lekaneng.

“Seo, sene sa  pateletsa puso go ka ya go adima madi ko Polokelong ya Lefatshe (World Bank). Puso ya rona e na le lenaneo la go ka reba sekoloto se gore se se golele go ya pele. Puso ya rona e duela madi a kanang ka R50billion ka kgwedi go ka leka go ka duela sekoloto seo. Diporofense tse di tshwanang le Gauteng di bona tekanyetso-kabo e e kwa godimo go gaisa, gonne e na le batho ba le bantsi. (15 million population).

“Porofense ya Bokone Bophirima e na le batho ba ka nna kana ka 3.7 million, mme e mo maemong a bo supa. Go botlhokwa gore re tlhaloganye gore ke mokgwa o fe o o dirisiwang go ka neela tekanyetsokabo. Jaanong 2018 Molaotlhomo wa Kgaoganyo ya Lotseno o botlhokwa gonne o ama matshelo a rona,” Gaoagwe wa tlhalosa.

Mongwe wa baagi, September Metswamere go tswa Schweizer-Reneke o kopile gore tekanetsokabo ya Lefapha la Thuto e  okediwe gonne thuto e le botlhokwa. taungdailynews@gmail.com