
Setshwantsho: Meyara wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe
Ka OBAKENG MAJE
14 Phatwe 2025- Meyara wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe (44), o latofadiwa ka go tlola molao wa lekwalo-thibelo (Protection Order). Se, se tla morago ga gore mosadi wa gagwe, Lerato Gaoraelwe, a mo direle lekwalo-thibelo.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Lerato yo go begwang fa ele kgale a tswile kwa ntlung ya bone ya lenyalo, one a goroga kwa ntlung eo ga mmogo le batlhakela ba sepodisi go ya go neela monna wa gagwe, Tumisang Gaoraelwe lekwalo-thibelo kgatlhanong.
“Go begwa fa mosadi wa ga Gaoraelwe a ne a tsenya kopo ya lekwalo-thibelo la nakwana kgatlhanong le monna wa gagwe. Go begwa fa Lerato a ne a tsamaya le mapodisi go isa lekwalo-thibelo leo, le go ya go tsaya dilwana dingwe tsa gagwe koo.
“Go begwa mo kgorogong ya gagwe, monna wa gagwe one a neelwa lekwalo-thibelo leo, fela one a gana go neela mosadi wa gagwe dilwana tsa gagwe. Seo, se ne sa dira gore sepodisi se mo bulele kgetsi ya go tlola molao wa lekwalo-thibelo,” van Rooyen wa tlhalosa.
Fela van Rooyen are Gaoraelwe ga ise a tshwarwe go fitlha ga jaana.
Kgabagare, Gaoraelwe ga araba mogala kgotsa go inkarabela ka molaetsa mabapi le kgang e. Lekwalo dikgang la The Guardian le tla tsenya dikarabo tsa ga Gaoraelwe fa a setse a ikarabetse.