Dipholo tsa sethunya mo kgetsing ya maiteko a polao le polao kgatlhanong le Tshwaro Mangwegape di gorogile


Setshwantsho: Mongwebi o itsegeng le mongwa The Meat Brother’s Pub wa maloba, Tshwaro Mangwegape

Ka OBAKENG MAJE

30 Lwetse 2024- Kgetsi ya maiteko a polao le polao kgatlhanong le mogwebi o itsegeng, gape ele mong wa maloba wa lefelo le le rekisang bojalwa la The Meat Brother’s Pub, Tshwaro Mangwegape, e buseditswe morago go fitlha ka di 10 Diphalane 2024. Seno se tla morago ga gore lekgotlha le itsise fa jaanong dipholo tsa tlhobolo (ballistic test) di gorogile.

Lekgotlha le tlhalositse fa le tlile go ntsha letlha la gore kgetsi e fetisetswa leng kwa kgotlha-tshekelo ya sedika. Mangwegape o latofadiwa ka go thuntsa le go bolaya naledi ya kgwele ya dinao ya setlhopha sa NWU Soccer Institute, Undivile “Vila” Mdi (28) le go gobatsa tsala ya gagwe, Aobakwe Ernest Kokwe (33).

Go begwa fa Mdi le Kokwe, ba ne ba etela lefelo la The Meat Brother’s Pub mono Taung ka di 16 Sedimonthole 2023, go ya go ijesa monate. Fela go begwa fa lefelo leo le ne le tletse phetelelo.

Go ya ka dibego, Mdi le Kokwe ba baneng ba le mo gare ga lefelo leo, ba ile ba tswela kwa ntle, mme batlhankedi ba tshireletso, ba ile ba ba lemotsha fa ba se kitla ba kgona go boela mo teng, gonne go tletse.  

Go begwa fa go ile ga tsoga tlhatlharuane magareng ga Mangwegape le banna ba, gonne ba ne ba batla go tsena ka kgang. Go begwa fa Mangwegape a ile a ntsha sethunya le go thuntsa Mdi, ga mmogo le Kokwe.

Go begwa fa Mdi a ile a tlhokafalela kwa bookelo, mme Kokwe ene o ile a amogelwa le go kgaolwa leoto. Mangwegape, yo o neetsweng beile ya R5000 ke kgotlha-tshekelo kgolo ya North West, o tla boela kwa kgotlha-tshekelo ka di 10 Diphalane 2024.

taungdailynews@gmail.com

Molatofadiwa wa polao le maiteko a polao o boela kgotlha-tshekelo 


Ka OBAKENG MAJE

Mogwebi o itsegeng gape ele mong wa maloba wa lefelo le le rekisang bojalwa la The Meat Brother’s Pub, Tshwaro Mangwegape, o boela kgotlha-tshekelo. Mangwegape yo o kopang lekgotlha gore le tsholole kgetsi ya gagwe ya polao le maiteko a polao, o tla utlwa ditlamorago tsa kopo ya gagwe mo letsatsing la gompieno.

Kopo eno, e ile ya tlhagisiwa ke mmueledi wa gagwe, Isang Nakale. Nakale are kgetsi e, e tshololwe gonne bosekisi bo tsweletse go goga dinao mo go yone. Go ya ka Nakale, labofelo bosekisi bo ile jwa kopa magistrata gore a busetse kgetsi eno morago fa bo sentse bo emetse diteko tsa sethunya.

Nakale are, seo se feleletsa se ama molatofadiwa, gonne o senyegelwa ke madi go dula a boa-boa kwa kgotlha-tshekelo, mme go sena lepele le morago. Nakale are kgotlha-tshekelo, e tsholole kgetsi e, mme e tla e busetsa fa bosekisi bo setse bo itekanetse go ka tswelela ka tsheko.  

Mangwegape o latofadiwa ka go thuntsa le go bolaya naledi ya kgwele ya dinao ya setlhopha sa NWU Soccer Institute, Undivile “Vila” Mdi (28) le go gobatsa tsala ya gagwe, Aobakwe Ernest Kokwe (33).

Go begwa fa Mdi le Kokwe, ba ne ba etela lefelo la The Meat Brother’s Pub mono Taung ka di 16 Sedimonthole 2023, go ya go ijesa monate. Fela go begwa fa lefelo leo le ne le tletse phetelelo.

Go ya ka dibego, Mdi le Kokwe ba baneng ba le mo gare ga lefelo leo, ba ile ba tswela kwa ntle, mme batlhokomedi ba ile ba ba lemotsha fa ba se kitla ba kgona go boela mo teng, gonne go tletse.   

Go begwa fa go ile ga tsoga tlhatlharuane magareng ga Mangwegape le banna ba. Go begwa fa Mangwegape a ile a ntsha sethunya le go thuntsa Mdi, ga mmogo le Kokwe.

Go begwa fa Mdi a ile a tlhokafalela kwa bookelo, mme Kokwe ene o ile a amogelwa le go kgaolwa leoto. Mangwegape, yo o neetsweng beile ya R5000 ke kgotlha-tshekelo kgolo ya North West, o boela kgotlha-tshekelo ka di 21 Phatwe 2024.

Kgabagare, mongwe wa baeteledipele kwa motseng wa Manokwane, Kgakololo Koji are: “Mo nakong e e fetileng, ke ile ka naya kgotlha-tshekelo ya Taung bopaki. Ba tshegeditse bopaki jwa gore, fa o batla gore o se ye kgolegelong mo Taung, o tshwanetse go nna le mmueledi o diphatsa.

“Jaanong, re a itse gore go diragalang. Fela jaaka kgotlha-tshekelo ya Taung ene yam o ganela ka beile, kgotlha-tshekelo kgolo ya North West kwa Mahikeng, e ne e tshwanetse gore le yone e mo ganele ka beile.”

Koji are fa kgetsi e e ka tshololwa, o ikana a sa dutle gore ba tlile go itseela molao mo matsogong. 

taungdailynews@gmail.com

Mong wa maloba wa The Meat Brother’s Pub, Tshwaro Magwegape o batla gore kgetsi ya polao le maiteko a polao kgatlhanong le ene e tshololwe  


Setshwantsho: Mongwebi o itsegeng le mongwa The Meat Brother’s Pub wa maloba, Tshwaro Mangwegape

Ka OBAKENG MAJE

Mogwebi o itsegeng gape ele mong wa maloba wa lefelo le le rekisang bojalwa la The Meat Brother’s Pub, Tshwaro Mangwegape, o batla gore kgetsi ya gagwe ya polao le maiteko a polao e tshololwe ke kgotlha-tshekelo ya Taung.

Seno se tlhalositse ke mmueledi wa gagwe, Isang Nakale. Nakale are kgetsi e, e tshololwe gonne bosekisi bo tsweletse go goga dinao mo go yone.

Go ya ka Nakale, labofelo bosekisi bo ile jwa kopa magistrata gore a busetse kgetsi eno morago fa bo sentse bo emetse diteko tsa sethunya.

Nakale are, seo se feleletsa se ama molatofadiwa, gonne o senyegelwa ke madi go dula a boa-boa kwa kgotlha-tshekelo, mme go sena lepele le morago. Nakale are kgotlha-tshekelo, e tsholole kgetsi e, mme e tla busediwa fa bosekisi o itekanetse go ka tswelela ka tsheko.   

Mangwegape o latofadiwa ka go thuntsa le go bolaya naledi ya kgwele ya dinao ya setlhopha sa NWU Soccer Institute, Undivile “Vila” Mdi (28) le go gobatsa tsala ya gagwe, Aobakwe Ernest Kokwe (33).

Go begwa fa Mdi le Kokwe, ba ne ba etela lefelo la The Meat Brother’s Pub mono Taung ka di 16 Sedimonthole 2023, go ya go ijesa monate. Fela go begwa fa lefelo leo le ne le tletse phetelelo.

Go ya ka dibego, Mdi le Kokwe ba baneng ba le mo gare ga lefelo leo, ba ile ba tswela kwa ntle, mme batlhokomedi ba ile ba ba lemotsha fa ba se kitla ba kgona go boela mo teng, gonne go tletse.   

Go begwa fa go ile ga tsoga tlhatlharuane magareng ga Mangwegape le banna ba, gonne ba ne ba batla go tsena ka kgang. Go begwa fa Mangwegape a ile a ntsha sethunya le go thuntsa Mdi, ga mmogo le Kokwe.

Go begwa fa Mdi a ile a tlhokafalela kwa bookelo, mme Kokwe ene o ile a amogelwa le go kgaolwa leoto. Mangwegape, yo o neetsweng beile ya R5000 ke kgotlha-tshekelo kgolo ya North West, o boela kgotlha-tshekelo ka di 21 Phatwe 2024.

Kgabagare, mongwe wa baeteledipele kwa motseng wa Manokwane, Kgakololo Koji are: “Se ke tla go se netefaletsang ke gore mo nakong e e fetileng, ke kgonne go naya kgotlha-tshekelo ya Taung bopaki. Ba tshegeditse bopaki jwa gore, fa o batla gore o se ye kgolegelong mo Taung, o tshwanetse go nna le mmueledi o diphatsa.

“Jaanong, re a itse gore go diragalang. Fela jaaka kgotlhatshekelo ya Taung ene e mo ganetse ka beile, kgotlha-tshekelo kgolo ya North West kwa Mahikeng, e ne e tshwanetse gore le yone e mo ganele ka beile.”

Koji are fa kgetsi e e ka tshololwa, o ikana a sa dutle gore basimanyana batla itshupa mo banneng. Are ba tlile go lwa go fitlhelela ba rwala mmu ka sehuba, kgotsa batlile go dira sengwe gore kamoso le bona ba be ba tlile go ema fa pele ga kgotlha-tshekelo go tla go se arabela.

“Re tlile go dira seo gore le rona re ikgotsofaditse” Koji wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Rakgwebo yo a itsegeng, gape ele mong wa The Meat Brothers wa maloba, Tshwaro Mangwegape o tlhagelela kwa kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

Rakgwebo wa selegae yo a itsegeng, gape ele mong wa lefelo le le rekisang nnotagi wa maloba, Tshwaro Mangwegape, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Mangwegape o latofadiwa ka go bolaya motshameki o diphatsa wa setlhopha sa kgwele ya dinao sa NWU Institute, Undivile “Vilo” Mdi (28) ga mmogo le go tlogela tsala ya gagwe ya tlhogo ya kgomo, Aobakwe Ernest Kokwe (33) ka dikgobalo tse di masisi.

Mdi le Kokwe, ba ne ba le magareng ga batho ba ba neng ba etetse lefelo la The Meat Brothers Pub ka di 16 Sedimonthole 2023, go ya go ijesa monate fa gone go runya thuntso. Go ya ka Mangwegape, Mdi le Kokwe, ba ne ba le gareng ga setlhotshwana se seneng sa tsena ka dikgoka kwa lefelo la gagwe le go senya dithoto.  

Ka motsi wa fa a ne a dira kopo ya go gololwa ka beile, Mangwegape one a laela lekgotlha fa a ne a tlhaselwa ke setlhotswana se ka dithipa, mme one a tshwanelwa ke go iphemela, gonne botshelo jwa gagwe bone bo le mo kotsing.

Go begwa fa Mangwegape yo o boleletseng lekgotlha fa a na le bana ba le babedi kwa ntle, mme a nyalane le Konsetabole Bontle Riet, ebile a na le ngwana a le mongwe wa mosetsanyana le ene, a ne a thuntsa moswi ka dikolo di le nne, fela ke di le tharo tse di ileng tsa tsena mo mmeleng wa gagwe, mme a boa a thuntsa Kokwe ka dikolo di le tlhano, fela ke di le tharo tse di ileng tsa mo thuntsa.

Go tlhalosiwa fa morago ga moo, Mangwegape a ne a go ineela kwa sepodising. Fela, Magistrata Botsile Thaga are, molatofadiwa a ka kgotlha-kgotlhana le bopaki fa a ka neelwa beile. Gape, Thaga o kaile fa botshelo jwa molatofadiwa bo ka nna mo kotsing fa a ka neelwa beile.

“Molatofadiwa o paletswe ke go bolelela lekgotlha nnete gore o tlile a lebagana le dikgetsi di le tlhano tse di fetileng. Molatofadiwa o boleletse lekgotlha fa a ne a na le ditatofatso di le pedi fela. Seo se bontsha fa a sena boikanyego. Gape se se makatsang ke gore molatofadiwa one a na le lekwalo-tshwaro la kwa kgotlha-tshekelo ya kotlo ya bana, fela o ile a kgona go le phimola ntle le gore a tlhagelele kwa kgotlha-tshekelo.

“Jaanong, seo se a makatsa, ebile go bontsha fa Mangwegape a ka tlhotlheletsa dipaki, gonne ba etela lefelo la The Meat Brothers Pub. Ka tsela eo, lekgotlha le ganela molatofadiwa ka beile, mme kgetsi e busediwa morago go fitlha ka di 4 Mopitlwe 2024, fa dipatlisiso di tswelela,” Thaga wa tlhalosa.

Kgabagare, mmagwe moswi, Nomathemba Pule are: “Re itumetse thata fa molatofadiwa a ganetswe ka beile. Ke na le tshepo mo bosiamiseng, ebile ke a tshepa gore molatofadiwa le ene le fa a ikotlhaela se a se dirileng, o tshwanetse ke go tlhaloganya gore o tshwanelwa ke go dula kwa ntlo-lefitshwana go fitlhela kgetsi e, e fela. Re tla ema le go bona gore kgetsi e leba kae.”

taungdailynews@gmail.com

Former owner of The Meat Brothers Pub, Tshwaro Mangwegape who is facing attempted murder and murder is expected to be granted bail


By OBAKENG MAJE

A judgement on bail application of the local businessman and former owner of Meat Brothers Pub, Tshwaro Mangwegape, is expected to resume at the Taung Magistrate’s Court today. Mangwegape, who is facing attempted murder and murder case is expected to be granted bail.

He is accused of killing NWU Soccer Institute player, Undivile “Vilo” Mdi (28) and injuring his friend, Aobakwe Ernest Kokwe (33).

Mdi and Kokwe were amongst patrons, who visited The Meat Brothers Pub that was fully packed on 17 December 2023. It is alleged that the security guards refused entry to patrons who did not have Identification Documents (IDs) and that led to a stampede.

Mdi and Kokowe allegedly tried to gain entry forcefully and the then owner of the establishment, Mangwegape, allegedly pulled out a gun and shot at them. Mdi was fatally shot and his friend was rushed to the hospital with terrible gunshot wounds.

The presiding magistrate in this case, Botsile Thaga, who was not available on 19 January 2023 due to other commitments in Bray Magistrate’s Court, is expected to presides over the matter. The interim magistrate, Jenny Manxeba postponed the matter to 22 January 2024 to allow Thaga to be available.

Meanwhile, the ANCYL spokesperson in North West, Molebang Mohlomi said in a statement that they condemn violence meted against patrons at The Meat Brothers.

“It is alleged that security guards and bouncers unleashed live ammunition towards unarmed civilians, who were trying to gain access to the establishment. This barbaric behaviour bothers public safety.

“This shows how business owners lack respect for their clients. A clinical approach to review licences of public places must be applied to ensure those who are bestowed with the responsibility to protect patrons are PSIRA compliant,” he said.

Mohlomi further said they send their heartfelt condolences to the families that have lost their loved ones. He added that, equally so, they call upon law enforcement agencies to speedily arrest perpetrators and resolve this brutish crime.

taungdailynews@gmail.com

A bail hearing judgment on attempted murder and murder case against former Meat Brothers Pub owner, Tshwaro Mangwegape postponed!


By OBAKENG MAJE

A bail hearing judgement against a local businessman and the former owner of Meat Brothers Pub, Tshwaro Mangwegape, who is facing attempted murder and murder case has been postponed to 22 January 2024 by the Taung Magistrate’s Court.

Mangwegape briefly appeared in Taung Magistrate’s Court on Friday. He is accused of killing NWU Soccer Institute player, Undivile “Vilo” Mdi (28) and injuring his friend, Aobakwe Ernest Kokwe (33).

Mdi and Kokwe were amongst patrons, who visited The Meat Brothers Pub that was fully packed. It is alleged that the security guards refused entry to patrons who did not have Identification Documents (IDs) and that led to a stampede.

Mdi and Kokowe allegedly tried to gain entry forcefully and the owner of the establishment, Mangwegape, allegedly pulled out a gun and shot at them. Mdi was fatally shot and his friend was rushed to the hospital with terrible gunshot wounds.

The presiding magistrate in this case, Botsile Thaga was not available today in court due to other commitments in Bray Magistrate’s Court. The interim magistrate, Jenny Manxeba postponed the matter to 22 January 2024 to allow Thaga to be available.

Meanwhile, the ANCYL spokesperson in North West, Molebang Mohlomi said in a statement that they condemn violence meted against patrons at The Meat Brothers.

“It is alleged that security guards and bouncers unleashed live ammunition towards unarmed civilians, who were trying to gain access to the establishment. This barbaric behaviour bothers public safety.

“This shows how business owners lack respect for their clients. A clinical approach to review licences of public places must be applied to ensure those who are bestowed with the responsibility to protect patrons are PSIRA compliant,” he said.

Mohlomi further said they send their heartfelt condolences to the families that have lost their loved ones. He added that, equally so, they call upon law enforcement agencies to speedily arrest perpetrators and resolve this brutish crime.

taungdailynews@gmail.com