Motshwarwa o ngwegile mono Taung


Ka OBAKENG MAJE

18 Mopitlwe 2025- Sepodisi sa Taung se boloditse letsholo-patlo morago ga go ngwega ga motshwarwa, Thatayaone Motati (23). Se, se tla mogaro ga gore Motati yo o neng a tshwaretswe ditatofatso tsa kgothoso, a kubogelwe ke bolwetsi fa a ne a le kwa diseleng tsa sepodisi kwa seteishaneng sa Taung ka Lamatlhatso.

Go begwa fa Motati a ile a tabogisetswa kwa bookelo jwa Taung go ya go bona thuso ya potlako. Fela, go begwa fa Motati yo o neng a le ka fa tlase ga tlhokomelo ya sepodisi kwa bookelong jwa Taung, a ile a ikgolola, mme a ngwega ka go dirisa letlhabaphefo le leneng le le kwa morago.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ke nnete sepodisi se boloditse letsholo-patlo. Go begwa fa motlhankedi wa sepodisi yo o neng a tlhokometse motshwara o, a ne a mo tlogela, mme leba ka kwa kgorong e e dirisiwang thata (main entrance).

“Re tlile go tsaya dikgato kgatlhanong le motlhankedi o, mme go fitlha ga jaana motshwarwa o ngwegileng ga ese a tshwarwe.”

taungdailynews@gmail.com