
Setshwantsho: Banna ba le bararo go ba le nne ba ba latofadiwang ka polao
Ka OBAKENG MAJE
2 Lwetsi 2024- Kgetsi ya polao kgatlhanong le banna ba le bane ba kwa motseng wa Manthe gaufi le Taung, e siametse go ka seka. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha di 11 Lwetsi 2024.
Mobeteledi, Bakang Katong (32), ga mmogo le balatofadiwa jaaka ene, Thabang Lenyai (23), Katlego Mosimege (31) le Phenyo Katong (34), ba ne ba tlhageletse ka boripana kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno.
Balatofadiwa ba, ba ile ba tshwarwa dingwaga di le pedi tse di fetileng morago ga go latofadiwa ka go bolaya Thabiso Mothibedi (35) setlhogo. Go begwa fa ba ile ba mo teketa le go mo golegelela mo generateng.
Seno se tla morago ga gore ba latofatse Mothibedi ka go ba utswela madi a seatleng a lekang le R20 000 le motsoko wa R600.
Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, mokaptein Sam Tselanyane, o ile a tlhalosetsa ba lekwalo-dikgang la Taung DailyNews gore dipatlisiso di shupa fa tiragalo e, ele ya di 29 Moranang 2022. Tselanyane are go ile ga begwa fa moswi a ile a siela kwa motseng wa Longaneng.
“Fela, go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tswa letsholo le go mo latela. Go begwa fa go goroga ga bone kwa motseng wa Manthe, ba ile ba gokelela moswi mo generateng, mme ba mo teketa go fitlhelela a tlhokafala. Go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tabogisetsa moswi kwa kliniking ya selegae fa ba bona a neela mowa.
“Baoki ba ne ba tlhalosa fa go se sepe se ba ka se dirang go boloka moswi, gonne one a setse a balelelwa le badimo,” Tselanyane wa tlhalosa.
Kgabagare, ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ile ba bolotsa mogwanto kgatlhanong le balatofadiwa, mme ba ile ba fisa matlo a bone a le mararo mo tiragalong e. Gape, baagi ba ile thuba le go senya ntlo-maitiso ya balatofadiwa, mme ba itseela le bojalwa.
Jaanong mo letsatsing la gompieno, mmueledi wa balatofadiwa, Advocate Oswald Mokhutsane, o boleletse kgotlha-tshekelo fa a le pudi-matseba, mme a emetse go tswelela ka tsheko. Go ya ka Mokhutsane, o tlile go biletsa kwa pele, paki ele nosi ga mmogo le balatofadiwa.
Mokhutsatse o tlhaloseditse lekgotlha fa a ka tlhoka matsatsi a le mararo go ka konosetsa dipotsolotso go dipaki tsa gagwe. Are balatofadiwa ga ba tle go ipona molato mo kgetsing e.
Mo letlhakuring le lengwe, bosekisi le bone bo tlhalositse fa boitekanetse go ka tswelela ka tsheko. Bo tlhalositse fa bo tla biletsa kwa pele dipaki di le thataro, mme bo ka tlhoka matsatsi a le mabedi go ka konosetsa dipotsolotso go dipaki tse.
Bosekisi bo tlhalosistse fa bo tlile go rebola bopaki gape ka mokgwa wa dipholo tsa morago ga loso le ditshwantsho tse di tshotsweng kwa lefelong la tiragalo.