Baagi ba tlogetswe ba gaeletswe kwa Schweizer Reneke morago ga go kgaoga ga thapo ya Eskom


Ka REGINALD KANYANE

22 Moranang 2025- Masepala wa selegae wa Mamausa, o itsise baagi ba one ka kgaogo ya motlakase. Masepala o tlhalositse fa se, se tlhodilwe ke go kgaogo ga thapo ya motlakase kwa Wolmaranstad.  

Sebueledi sa masepala, Tebogo Mooketsi are masepala wa bone fa e sale o itemogela kgaogo ya motlakase go tloga ka ura ya boraro mo mosong. Mooketsi are ga jaana, badiri ba setheo se se rebolang motlakase sa Eskom, ba semeletse le go baakanya thapo eo.

“Badiri ba kwa Eskom ba semeletse, mme tiego e tlholwa ke lefatshe le le kolobileng morago ga dipula. Jaanong, go ka tsaya nakonyana pele ga ba konosetsa tiro ya bone. Ka ga jalo, re ikuela go baagi go nona pelo ka mathe, mme re tshepa fa ba tla bona motlakase pele ga letsatsi la gompieno le tikela.

“Mongwe le mongwe o a ka tswang a na le go sa tlhaloganye kgotsa dipotso, a ka ntetsetsa mo dinomorong tsa 0780270876 go ka atlhatlha ntlha e go ya pele,” Mooketsi wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com