


Setshwantsho: Nonteto Tafani, MosetsanagapeMosinkiemang le Itumeleng Maribe
Ka OBAKENG MAJE
12 Ngwanatsele 2025- Lekoko la ANC mono Bokone Bophirima le tlhalositse fa le setse le rometse maina a batho ba le bararo ba ba tla tsenelang dipotsolotso ka maitlhomo a gore mongwe mo go bone a tlhopiwe jaaka meiyara wa masepala o mogolwane wa Taung. Se se tla morago ga gore meiyara wa ga jaana, Tumisang Gaoraelwe, a kopiwe go itokolola mo tirong.
Gaoraelwe one a kopiwa ke lekoko la gagabo la ANC go itokolola mo tirong jaaka meiyara wa masepala o mogolwane wa Taung morago ga ditatofatso tsa go amega mo dikotsing tsa tsela di le mmalwa ka dijanaga tsa masepala. Go kaiwa fa Gaoraelwe o gogwa fela ka leoto mo nkgong, mme morago a kgweetse dijanaga tsa masepala mme seo se lebise kwa go amegeng mo dikotsing tsa tsela.
Go begwa fa maina a mararo a rometsweng kwa ntlo-kgolo ya ANC kwa Johannesburg go seka-sekiwa ele la molekgotlha Mosetsanagape Mosinkiemang yo a ikarabelang ka ditiro tsa baagi (Community Services) mo komiting ya ga meiyara, molekgotlha Nonteto Tafani yo a ikarabelang ka ditirelo tsa kgwebo (Cooperate Service) go komiti ya ga meiyara, le molekgotlha Itumeleng Maribe yo a ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha (Technical Services and Infrastructure) go komiti ya ga meiyara.
Sebueledi sa lekoko la ANC mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Tumelo Maruping wa tlhalosa.
“O tla gopola gore moshupa-tsela wa rona wa 2021, o tlhalosa fa komiti-khuduthamaga ya rona ya bosetshaba (National Executive Committee) e ile ya tlhama phanele e mo go yone e ileng ya dumalana gore go tla tlhagisiwa maina a le mararo ka motsi wa fa go tlhopiwa meiyara wa masepala mongwe le mongwe o ka fa tlase ga taolo ya ANC.
“Jaanong, jaaka o itse gore ANC e ile ya tsaya tshwetso ya go tlosa Gaoraelwe mo tirong jaaka meiyara, go setse go tlhagisitswe maina a le mararo ke porofense ka tumalano ya sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati go ka a isa kwa ntlo-kgolo ya lekoko kwa Luthuli House go ka seka-sekiwa ke komiti-khuduthamaga ya lekoko,” Maruping wa tlhalosa.
Maruping are batho ba ba tlhopilweng, ba tla tsenela dipotsolotso. Maruping are mongwe mo go bone yo o dirileng bontle go gaisa kwa dipotsolotsong, o tla tsitsinngwa go kokomala setulo sa bo meiyara.
“Go itokolola mo tirong ga meiyara wa ga jaana, Gaoraelwe, go tla konosediwa mo go yone beke e. Re setse re mo itsisitse ka lekwalo, ga mmogo le TROIKA ya masepala. Jaanong seo, se solofetswe go ka konosediwa mo go yone beke e,” Maruping wa tlhalosa.