Setopo sa mosadi o sa itsiweng se bonwe kwa Taung Dam


Ka OBAKENG MAJE

25 Ngwanatsele 2024- Setopo sa mosadi se bonwe se kaola-kaola mo godimo ga metsi kwa Taung Dam mo letsatsing la maabane. Go begwa fa setopo se, se sa itsiwe gore ke sa ga mang go fitlha ga jaana.

Sepodisi se ikuela go mongwe le mongwe yo a ka tswang a latlhegetswe kgotsa a timeletswe ke mongwe wa losika le ditsala, go ka ikgolaganya le seteishene sa sepodisi sa Taung.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Sarasanta Typhosa van Rooyen are: “Setopo seo se ile sa ntshiwa mo metsing ke basepodisi kwa Taung Dam, gaufi e motse wa Cokonyane mono Taung mo letsatsing la gompieno.

“Jaanaong, mongwe le mongwe o a ka tswang a bone tiragalo e, a ka letsetsa Sarasanta Tebogo Monchwe mo dinomoreng tsa mogala tsa 082 469 0332. Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng, mme dipatlisiso di tsweletse.”

taungdailynews@gmail.com