
Setshwantsho: Setopo sa monna se akgega mo setlhareng
Ka OBAKENG MAJE
21 Seetebosigo 2025- Setopo sa monna wa dingwaga di le 31 se bonwe se akgega mo setlhareng kwa Unit 14, Mmabatho, gaufi le Mahikeng mo letsatsing la maabane. Go begwa fa monna o, a ile a bolaiwa ke rragwe lekgarebe le a neng a ratana le lone.
Go ya ka dipego tse di sa totobalang, go begwa fa moswi a ne a ratana le lekgarebe la dingwaga di le 15, fela rragwe lekgarebe leo, ga ka a tsaya kgang eo sentle. Go begwa fa rragwe lekgarebe leo, a ile a latela moswi le go mo kopa gore a kgaogane le ngwana wa gagwe.
Fela go begwa fa moswi a ile a gana go kgaogana le lekgarebe leo. Go begwa fa rragwe lekgarebe le, a ile a ja sejanaga sa moswi ka molelo pele ga a ka mo kaletsa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Mokaptein Mpho Manyoba are: “Sepodisi se ile sa itsisiwe ka tiragalo e, mme dipatlisiso di tsweletse. Go fitlha ga jaana, ga ise go tshwarwe ope.”