
Ka OBAKENG MAJE
9 Sedimonthole 2024- Setopo sa monna o sa itsiweng se bonwe kwa kanaleng kwa Extension 7, mono Taung. Go begwa fa monna o sa itsiweng, ga mmogo le dingwaga tsa gagwe, a bonwe a rapaletse mo kanaleng, mme sepodisi sene sa itsisiwe.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Sarasanta Tryphosa van Rooyen, tiragalo e ke ya ka Labotlhano. Van Rooyen are sepodisi se butse kgetsi ya morago ga loso, mme dipatlisiso di tsweletse.
“Go fitlha ga jaana ga gona ope o tshwerweng, kgotsa go itse gore go diragetseng. Fela, dipatlisiso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.