Ka BAKANG MOKOTO
8 Diphalane 2025- Rre wa bana ba le bararo yo eseng wa madi, o atlholetswe ngwaga le dingwedi di le thataro ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Hartwater. Se, se tla morago ga gore rre wa dingwaga di le 32, ga mmogo le mmagwe bana wa dingwaga di le 32, ba latofadiwe ka go sotlakaka bana ba bone ba dingwaga di le 6, 7 le 10.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Sergeant Molefi Shemane, bangwe ba baagi kwa Jan Kempdorp, ba ne ba itsise badiri ba katlatlelo-loago mabapi le tshotlakako e ya bana. Shemane are, go begwa fa batlhankedi ba katlatlelo-loago, ba ne ba itsise sepodisi ka kgang e.
“Ene ya re go utlwa gore sepodisi se boloditse dipatlisiso mabapi le kgang e, rre o le mmagwe bana ba, ba ne ba tsaya bana le go tsena ka lenga la seloko. Go begwa fa batsadi ba ga mmogo le bana, ba ne ba siela kwa motseng wa Reddersburg kwa porofenseng ya Free State. Fela, batlhankela ba katlatlelo-loago kwa Free State, ba ile ba batlana le bone go fitlhela ba ba bona.
“Ba ile ba tsaya bana bao, mme ba ba tsenya mo tlase ga tlhokomelo. Batsadi ba, ba ile ba tshwarwa fa kgwedi ya Ngwanatsele e ne e tlhola matsatsi a le 9, ka ngwaga wa 2023. Ba ile ba tlhagelela fa pele ga kgotlhatshekelo ya Hartswater. Ba ile ba ganetswa ka beile go fitlhela ba seka,” Shemane wa tlhalosa.
Shemane are ka Laboraro, kgotlhatshekelo ya sedika ya Hartswater, e ile ya bona rragwe bana ba yo eseng wa madi molato wa go teketa, fa mmagwe bana ene a sa bonwa molato. Shemane are rragwe bana ba, yo eseng wa madi, o ile a atlholelwa ngwaga le dingwedi di le thataro kwa kgolegelong, fela katlholo e ile ya beelwa kwa thoto.
“Katlholo e beetswe kwa thoko dingwaga di le tlhano. Monna o, o ile a kaiwa fa a sa tshwanelwa ke go tshola sethunya, mme leina la gagwe le tla tsenngwa kwa National Register for Sex Offenders. Sepodisi se ikanne fa se tlile go lwa kgatlhanong le tshotlakako ya basadi le bana.
“Re rata go akgola mmatlisisi wa kgetsi e, Detective Sergeant Nlathi go tswa kwa Hartswater Family Violence, Child Protection and Sexual Offences Unit, mabapi le matsetseleko mo go batlisiseng kgetsi e,” Shemane wa tlhalosa.

