
Ka OBAKENG MAJE
28 Tlhakole 2025- Banna ba ke bararo ba ba nang le dingwaga di le 60, 37, ga mmogo le 38, ba tshwerwe morago ga go fitlhelwa ka leruo le go belaelwang ele la bogodu kwa motseng wa Magojaneng, gaufi le Kuruman. Go begwa fa ka di 27 Tlhakole 2025, sepodisi se ile sa amogela pegelo mabapi le leruo la bogodu le le beilweng kwa ntlung nngwe.
Sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Kapa Bokone, mokaptein Nomvuyo Makoloi are, sepodisi se ile sa bona sejanaga se se neng se belaelwa fa se pegile leruo la bogodu, mme ba se baya marebele. Makoloi are, sepodisi se ile sa sala banna ba morago go fitlhela kwa lefelong le leneng le belaelwa kwa motseng wa Seoding.
“Fela ka maswabi, go ne ga begwa fa banna bao ba fetsa go tsamaya, enile ba pegile nku ele nngwe mo sejanageng seo sa modiro wa Isuzu. Go begwa fa sepodisi se se dirang ka leruo, se ile sa letsetswa, mme ba ile ba fitlhelela sejanaga seo kwa Bankhara Bodulong. Banna bao, ba ile ba fitlhelwa ka nku ele nngwe, mme ba botsolotswa.
“Go begwa fa sepodisi se ile sa ba tsaya le go leba kwa legaeng la mongwe wa ba belaelwa kwa ntlung nngwe kwa motseng wa Magojaneng. Go begwa fa sepodisi se ile sa fitlhela dinku di le supa di hapilwe ka terata mo ntlung. Mong wa ntlo o ile a palelwa ke go araba gore dinku tseo ke tsa ga mang, le go ntsha boshupi,” Makoloi wa tlhalosa.
Kgabagare, banna bao, ba ile ba tshwarwa le go latofadiwa ka go tshwara ka leruo le go belaelwang fa le utswilwe. Ba solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Mothibistad mo bogautshwaneng.
taungdailynews@gmail.com