
Ka OBAKENG MAJE
19 Diphalane 2025- Sepodisi se batlisisa kgetsi ya go thuntsiwa ga di ATMs di le pedi ka bomo kwa motseng wa Ganyesa. Go begwa fa banna ba le supa, ba ile ba itelekela kwa garage nngwe ya selegae le go thuntsha di ATMs tseo fa masigo a Lamatlhatso a sa.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are go begwa fa banna bao, ba ile ba inaya naga ka madi a seatleng a go sa itsiweng gore a phuphulediwa go bokae morago ga moo. Myburgh are ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaaka.
“Dipatlisiso di tsweletse, mme re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le kgang e, go ka itsise sepodisi. Dintlha tsotlhe tse di ka lebisang kwa go tshwarweng ga babelaelwa di ka tsholwa jaaka tsa sephiri,” Myburgh wa tlhalosa.
