Spaza shop sa kwa Manthe se kgothositswe


Ka OBAKENG MAJE

17 Seetebosigo 2025- Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa se batlisisa kgetsi ya kgothoso. Se, se tla morago ga gore go nne le kgothoso kwa Boipelo spaza shop kwa kgaolong ya Dube kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung ka Labotlhano.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Mokaptein Mpho Manyoba are, go begwa fa motho mongwe a ile a itelekela kwa spaza shop seo, mme a dira jaaka e kare o ile go reka. Manyoba are motho o, go begwa fa a dirisitse crowbar go roba burglars tsa spaza shop, mme a tsaya motsoko le madi a seatleng.

“Go begwa fa dilo tseo tsotlhe di lekanyediwa go R5640. Tiragalo e, e diragetse ka di 13 Seetebosigo 2025, ka ura ya 5:40pm.

“Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng. Fela dipatlisiso di tsweletse,” Manyoba wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com