Sejanaga se se tsamaisang borotho se tseetswe madi a lekanyediwang go R15 000 gaufi le Mokgareng


Ka OBAKENG MAJE 

Sepodisi sa Taung se supile fa se batlisisa kgetsi ya kgothoso go tlhometswe. Seno se tla morago ga gore sejanaga se se tsamaisang borotho se kgothusiwe madi a kanang ka R15 000 ka Lamatlhatso.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, go begwa fa mokgweetsi wa sejanaga seo se se tsamaisang borotho, a ne a kgorogelwa ke banna ba le babedi ba baneng ba tlhometse, ebile ba rwele dithiba-difatlhego.

Go begwa fa ba ne ba mo shupa ka tlhobolo, mme ba mo pateletsa go emisa sejanaga seo.

“Tiragalo e, e diragala fa mokgweetsi wa sejanaga a ne a tsena ka motse wa Mokgareng, le go leba kwa Jan Kempdorp. Go begwa fa mokgweetsi yo, ane a setse a fesitse go tsamaisa marotho.

“Go begwa fa banna ba, ba tshabile ka madi a seatleng a kanang ka R15 000, mme ga se go tshwarwe ope. Go fitlha ga jaana, dipatlisiso di tsweletse,” Van Rooyen was tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com