Monna o bolailwe kwa Choseng


Ka OBAKENG MAJE

21 Lwetse 2025- Sepodisi sa kwa Pudimoe se batlisisa kgetsi ya polao. Se, se tla morago ga gore motho a bolawe kwa Choseng Etos Farm mo letsatsing la maabane.

Go begwa fa moswi a bolailwe ke badisa ba kwa nageng ya Lesotho morago ga go mo latofatsa ka go utswa leruo.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are sepodisi se ile sa bilediwa kwa polasing eo morago ga gore ba itsisiwe ka polao e ka ura ya bosupa mo mosong. Myburgh are batlhankela ba sepodisi ba fitlhetse moswi a rapaletse fa fatshe, mme a ribegile sefatlhego.

“Moswi one a na le dintho tsa go teketiwa mmele wa gagwe otlhe. Go ile ga bidiwa ba thuso ya potlako, mme ba mo kaya fa a setse a balelelwa le badimo.

“Moswi ga ise a itsiwe gore ke mang go fitlha ga jaana. Kgetsi ya polao e ile ya bulwa, mme ga ise go tshwarwe ope,” Myburgh wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com