Marapo a motho a bonwe kwa Choseng 


Ka OBAKENG MAJE 

Sepodisi sa kwa Pudimoe mono Taung, se batlisisa kgetsi ya morago ga loso. Se setla morago ga gore go bonwe marapo a motho kwa molapong kwa motseng wa Choseng, gaufi le Taung mo letsatsing la Labobedi. 

Go begwa fa ka letsatsi la Tshipi, banna bangwe ba ba neng ba ile go epa moshawa kwa molapong, ba ile ba bona tlhogo ya motho, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga marapo a motho teng kwa molapong ka Labobedi. 

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Ke nnete, sepodisi se ile sa bilediwa kwa sekgweng sa kwa motseng wa Choseng morago ga gore banna ba ba neng ba ile go epa moshawa ba bone tlhogo ya motho. 

“Tlhogo eo ya motho e bonwe nako e ka nna ura ya bo robongwe mo mosong. Ene ya re ka Labobedi, sepodisi se ile sa epolola marapo a motho. Go fitlha ga jaana, ga go itsiwe gore e ka tswa ele marapo a ga mang, fela dipatlisiso di tsweletse.” 

Mokgwabone are sepodisi se butse kgetsi ya morago ga loso. 

taungdailynews@gmail.com